Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka August 29, 2005. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya July 4 go ya go August 29, 2005. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Fa re bolelela batho ba bangwe ka tsholofelo e re nang le yone, re ka dira jang gore ‘go nna tekatekano ga rona go itsiwe mo bathong botlhe,’ mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? (Bafil. 4:5; Jak. 3:17) [be-TN ts. 251 dir. 1-3, lebokoso]
2. Go ineela fa go tshwanela go tla re thusa jang gore re dirisane sentle le batho ba bangwe? [be-TN ts. 253 dir. 1-2]
3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dirisa dipotso ka tsela e e nang le matswela fa re thusa batho ba bangwe go akanya ka kgang e re tlotlang le bone ka yone? [be-TN ts. 253 dir. 3-4]
4. Ke dilo dife tse di tshwanetseng go akanyediwa tse di tla dirang gore se re se buang e nne se se tlhatswang pelo? [be-TN ts. 255 dir. 1-4, lebokoso; ts. 256 ser. 1, lebokoso]
5. Ke eng se re sa tshwanelang go se lebala fa re swetsa ka gore re dirise bosupi bongwe jo bo tlhomamisitsweng go thusa batho go lemoga kafa Dikwalo di utlwalang ka gone? [be-TN ts. 256 dir. 3-5, lebokoso].
PUO NO. 1
6. Ke bosupi bofe jo bo utlwalang sentle jo bo bontshang gore Jesu o kile a tshela? [w03-TN 6/15 ts. 4-7]
7. ‘Molomo wa bathokgami o ba golola’ jang, mme ntlo ya basiami “e tla nna e eme” jang? (Diane 12:6, 7) [w03 1/15 ts. 30 dir. 1-3]
8. E re ka Baebele e se lenaane fela la melao e e gagametseng, re tla ‘lemoga jang se e leng thato ya ga Jehofa’? (Baefeso 5:17) [w03-TN 12/1 ts. 21 ser. 3–ts. 22 ser. 3]
9. Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang motho go lebana le lehuma kgotsa maemo a a thata a ikonomi? [w03-TN 8/1 ts. 5 dir. 2-5]
10. Sekao sa ga Jehofa sa go naya mahala se tshwanetse go re ama jang? (Math. 10:8) [w03-TN 8/1 ts. 20-2]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Fa kgorong ya tempele e e neng e agilwe ke Solomone, ke eng se se neng se tshwantshediwa ke dipilara tse pedi tse di bidiwang Jakine le Boase? (1 Dikg. 7:15-22)
12. Tiro ya ga Solomone ya dingwaga di le 20 ya go aga “ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi” e tshwantshetsa eng gompieno? (1 Dikg. 9:10)
13. Re ka ithuta eng mo kgannyeng ya go tlhoka kutlo ga “monna wa Modimo”? (1 Dikg. 13:1-25)
14. Kgosi Asa wa Juda o ne a bontsha jang bopelokgale jwa gagwe, mme sekao sa gagwe se re ruta eng? (1 Dikg. 15:11-13)
15. Tiragalo e e amang Kgosi Ahabe le Nabothe e bontsha jang gore go ngomoga pelo go ka nna kotsi? (1 Dikg. 21:1-16)