LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/05 ts. 4
  • Se re Se Fitlhelelang ka Bodiredi Jwa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Se Fitlhelelang ka Bodiredi Jwa Rona
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Direla Jehofa ka Botlalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Ipoloka re Tshwaregile mo go Direleng Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 11/05 ts. 4

Se re Se Fitlhelelang ka Bodiredi Jwa Rona

1. Jehofa o leba jang bodiredi jwa rona, mme batho bone ba itshwara jang malebana le jone?

1 Lefoko la Modimo le tlhalosa Bakeresete le re ba gwanta jaaka bafenyi mo tirelong ya ga Jehofa, jaaka e kete ba mo mokolokong wa phenyo. (2 Bakor. 2:14-16) Fa re ntse re thusa batho ba bangwe gore ba nne le kitso ka Modimo, bodiredi jwa rona bo nna jaaka tshupelo e e lonko lo monate mo go Jehofa. Batho bangwe ba ngokwa ke lonko lo lo monate lwa dikgang tse di molemo; ba bangwe bone ga ba lo rate. Mme fa batho ba le bantsi ba sa re amogele, seno ga se bolele gore ga re a atlega mo tirong ya rona. Ela tlhoko gore ke eng se re se fitlhelelang ka bodiredi jwa rona.

2. Bodiredi jwa rona bo re naya tshono ya go supa eng?

2 Go Galaletsa Jehofa: Satane o gatelela gore batho ba direla Jehofa ka ntlha ya bopelotshetlha fela. (Jobe 1:9-11) Bodiredi jwa Bokeresete bo re naya tshono ya go supa gore re ineetse mo Modimong ka tsela ya mmatota. Baboledi ba le bantsi ba tswelela pele go rera le go dira batho barutwa go sa kgathalesege mathata a a boima a botho a ba nang le one kgotsa go sa kgatlhege ga batho ka kakaretso. Go itshoka ka boikanyegi ka tsela e e ntseng jalo go itumedisa Jehofa!—Dia. 27:11.

3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata gore re itsise batho ka leina la Modimo le maikaelelo a gagwe?

3 Gape, bodiredi jwa rona bo nna le seabe mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo. Jehofa o bua jaana ka tshenyo e a tlileng go e tlisetsa lefatshe la ga Satane: “Ditšhaba di tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esek. 39:7) Gore ditšhaba di kgone go mo itse, go botlhokwa gore batlhanka ba Modimo ba tswelele ba itsise ‘setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme le batho’ leina la gagwe le maikaelelo a gagwe.—Tshen. 14:6, 7.

4. Batho ba atlholwa jang ka tiro ya go rera?

4 Batho ba Atlholwa Go ya Ka Eng? Batho ba atlholwa go ya ka tsela e ba itshwarang ka yone fa ba utlwa dikgang tse di molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Keresete Jesu o tla tlisa pusoloso mo go “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathes. 1:8, 9) A bo tiro eno e rwesa batlhanka ba Modimo boikarabelo jo bo masisi jang ne! Gore re se ka ra nna le molato wa madi, ga re a tshwanela go ikgogona mo go boleleleng batho ba bangwe molaetsa wa Bogosi o o bolokang botshelo.—Dit. 20:26, 27.

5. Bopelotlhomogi jwa Modimo bo bontshiwa jang mo bodireding jwa rona?

5 Maiteko a re a dirang re sa kgaotse a go thusa baagelani ba rona gore ba amogelwe ke Modimo ke tsela e Jehofa a e dirisang go ba bontsha bopelotlhomogi. (1 Tim. 2:3, 4) E re ka re itse gore maemo a batho a nna a ntse a fetoga ka dinako tsotlhe, re ya kwa go bone gangwe le gape go ba kgothaletsa gore ba batle Jehofa go sa ntse go na le nako. Fa re dira jalo, re ba bontsha “bopelotlhomogi jo bo pelonomi jwa Modimo wa rona” yo o sa ‘eletseng gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.’—Luke 1:78; 2 Pet. 3:9.

6. Go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go re solegela molemo jang?

6 Go Itsholegela Molemo: Go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go a re sireletsa. Go re thusa gore re nne re “akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa” le go dira gore re se ka ra leswafadiwa ke tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong ya dilo. (2 Pet. 3:11-14; Tito 2:11, 12) Ka jalo, e kete re ka ‘nitama, re sa tshikhinyege, ka metlha re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,’ re itse gore maiteko a rona mo bodireding jwa Bokeresete ga se a lefela.—1 Bakor. 15:58.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela