LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/91 ts. 1
  • Go Ipoloka re Tshwaregile mo go Direleng Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ipoloka re Tshwaregile mo go Direleng Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Direla Jehofa ka Botlalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Oketsa Khumo ya Gago ya Tirelo ya Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Ditsela Tsa go Atolosa Bodiredi Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 12/91 ts. 1

Go Ipoloka re Tshwaregile mo go Direleng Jehofa

1 Ruri go direla Jehofa ke tshiamelo mo go rona. Lorato lo re tlhotlheletsa gore re dire bojotlhe jwa rona mo go direng go rata ga Gagwe gonne re na le kitso e e tlhomameng kaga gagwe le kaga Morwawe yo o esi ebong Jesu. (Yoh. 17:3) Re ka nna ra lapa, mme lefa go ntse jalo Jehofa o re naya thata e le gore re tle re kgone go nna le nonofo e e tletseng.—Isa. 40:29.

2 Ke tsela efe e e di gaisang tsotlhe eo ka yone re ka bontshang gore re anaanela lorato lo logolo lo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re lo bontshitseng? (2 Bakor. 5:14, 15) Tsela e e di gaisang tsotlhe ke ka go etsa Jesu, yo kwantle ga go lapa a ileng a neela bosupi kaga leina la ga Rraagwe le ka Bogosi. (1 Pet. 2:21) Fa e le gore re na le tumelo e e nonofileng, re tla nna re ntse re dira ka metlha tiro eo re e filweng ke Modimo ya go rera mafoko a a molemo.—Math. 24:14.

3 A go na le selekanyo sengwe sa nako seo re tshwanetseng ra bo re se dirisetsa bodihedi jwa tshimo? Maemo a a farologana. Bogodi, go sa itekanelang sentle mo mmeleng, kana maikarabelo a lelapa a ka nna a dira gore re se ka ra dira ka botlalo. Mme lefa go ntse jalo, re tshwanetse gore rotlhe fela re direleng Jehofa ka pelo yotlhe. Seno se kaya gore re tshwanetse go bontsha motho ka bongwe gore re ineetse ka selekanyo se se kana kang le gore a boineelo jwa rona ke jwa mmatota ka go dira bojotlhe jwa rona mo bodiheding. (2 Tim. 2:15) Go na le ditshono tse di bulegetseng mongwe le mongwe wa rona go ya ka boemo jwa gagwe ka namana. Dingwe tsa ditshono tseno ke dife?

4 Ditsela tsa go Atolosa Bodihedi jwa Rona: Sa ntlha, re tshwanetse ra akanya ka go tokafatsa mokgwa o re dirang bodihedi jwa rona ka one. Seno se ka fitlhelelwa ka go dira gore re nne ditswerere ka tsela e e oketsegileng jaaka barutisi. O mongwe wa mekgele e megolo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo ke go re thusa gore re fetoge ditswerere le go feta mo bodiheding jwa tshimo. A re akanya ka tirelo ya tshimo ka nako ya fa re baakanyetsa dikabelo tsa rona? A re dirisa kgakololo eo re e newang e le gore re tle re kgone go tokafatsa bodihedi jwa rona ka namana? (sgSU dits. 96-99) Ka tsela e e tshwanang, go neelwa dikakantsho di le dintsi tsa bodihedi jwa tshimo mo Pokanong ya Tirelo. A re diriseng dikakantsho tseno ka bonako fela jo re ka kgonang go dira jalo ka jone.

5 Se sengwe gape, akanya gore ke jang o ka kgonang go fetola maemo a gago e le gore o tle o nne le seabe mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang kana jwa ka metlha. Ga gona pelaelo epe gore go dira jalo go tla go boloka o tshwaregile mo go direleng Rraarona ebong Jehofa. (1 Bakor. 15:58) Go tweng fa e le gore ga o kgone go bula tsela? O ka supa moya wa bobulatsela ka go tlhagolela gore o rate bodihedi tota le go amega ka tsela e e boteng ka batho ba ba mo tshimong. Gape, o ka dirisa tshono nngwe le nngwe go thusa batho ba ba peloephepa gore ba itse Jehofa le gore ba itse maikaelelo a gagwe a a molemo o dira jalo ka go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Bibela.

6 Go arabela mokgosi wa go ya go direla kwa go tlhokegang badiri thata le gone go ka nna ga nna karolo e nngwe ya go gatela pele ga rona. (Isa. 6:8) Ga go na pelaelo epe gore ba ba fudugetseng kwa phuthegong eo e neng e tlhoka thuso mo setlhopheng sa badihedi kana e e neng e batla go thusiwa gore e kgone go akaretsa tshimo ya yone ba robile masego a le mantsi.

7 Fa re ne re simolola go ithuta boammaaruri, go rata Jehofa le Keresete Jesu go ne ga re tlhotlheletsa gore re dire diphetogo tse dikgolo thata mo matshelong a rona. Jaanong, jaaka fa re ntse re gola mo go anaaneleng kamano ya rona le Rraarona wa selegodimo le mo go anaaneleng seo Morwawe a se re diretseng, a go na le diphetogo tse dingwe gape tseo re ka di dirang gore re atolose bodihedi jwa rona? A rotlhe fela re ke re direng bojotlhe jwa rona ka go ipoloka re tshwaregile mo go direleng Jehofa.—Bar. 12:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela