Oketsa Khumo ya Gago ya Tirelo ya Bogosi
1 Jesu o ne a tshwantsha tsholofelo ya Bogosi le khumo e e tlhwatlhwakgolo. (Math. 13:44-46) A re tshwana le banna ba ba mo setshwantshong sa ga Jesu ba ba ileng ba rekisa ditsabone gore ba reke sengwe se se tlhwatlhwakgolo? Fa go ntse jalo, re tla bo re baya Bogosi jwa Modimo kwa pele, lefa seno se tlhoka gore re itime dilo dingwe le go iitatola.—Math. 6:19-22.
2 E re ka tirelo ya rona ya Bogosi e le khumo, re tshwanetse ra batla go e oketsa. Tsela e re tshelang ka yone e supa eng? A re oketsa ditiro tsa rona tsa Bogosi? Re ka dira seo ka go nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodihedi, tse di akaretsang tiro ya ntlo le ntlo, go dira maeto a go boela, go tshwara dithuto tsa Baebele, le go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
3 ‘Nka Oketsa Jang Seabe sa Me?’ E re ka ngwaga e ntšha ya tirelo e simologa, go molemo gore mongwe le mongwe a sekaseke dilo tse a di dirang go bona gore a ka dirang gore a oketse nako e a e dirisang mo bodiheding jwa tshimo mme a ipotse jaana: ‘A nka rulaganya dilo tsa me gore ke tle ke kgone go ka ikwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang nako le nako kana ke dire jalo go ya go ile? Fa nka dira diphetogo di sekae, a nka tsenelela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha?’ Babulatsela ba basha ba ba ikwadisang ka September 1 ba tla tshwanelega go ka nna teng kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela ngwaga e e tlang.
4 Baboledi bangwe ba ipeetse mokgele wa gore ba oketse tsela e ba neelang bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo ka yone. Gantsi tiro eno e dira gore go nne le matswela a a molemo thata. Ba bangwe ba ka tswa ba bona fa go tlhokega gore ba tokafatse tsela e ba dirang maeto a go boela ka yone gore ba nne le matswela kana ba simolole dithuto tse disha tsa Baebele.
5 Fa re swetsa gore ka tsela nngwe bodihedi jwa rona bo a tlhaela, re ka dira eng go bo oketsa? Batho bao ba ileng ba atlega go fitlhelela mekgele ya bone e e kwa godimo e ba neng ba ipeetse yone, ba akantsha gore re ititeye sehuba pele gore re tla baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele go sa kgathalesege gore go diragalang. (Math. 6:33) Go botlhokwa gore re nne le tumelo le go ikaega ka botlalo ka Jehofa. (2 Bakor. 4:7) Kopa thuso ya gagwe ka go mo rapela ka metlha le ka tlhoafalo. (Luke 11:8, 9) Re ka tshepa gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a re a dirang ka boammaaruri a go oketsa seabe se re nang le sone mo tirelong ya gagwe.—1 Joh. 5:14.
6 Bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba ileng ba atlega go oketsa bodihedi jwa bone. Ba botse gore ba ile ba kgona jang go fenya dikgoreletsi kwantle ga gore ba kgobege marapo. Boitemogelo jwa bone e ka tswa e le sone fela selo se o se tlhokang go go tlhatswa pelo gore go oketsa bodihedi ke selo se o ka se kgonang.
7 Fa o bala ditlhogo dingwe go Tora ya Tebelo kana go Tirelo ya Rona ya Bogosi tse di buang ka tirelo ya tshimo, akanyetsa ka thapelo ka moo o ka dirisang dikakantsho tseo ka gone mo bodiheding jwa gago. Dira fela jalo lefa o le kwa dipokanong tsa phuthego kana kwa dikopanong. Dikakantsho tse di filweng mo setlhogong seno di thailwe mo motlotlong o e neng e le karolo ya thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga e e fetileng. Ke nngwe ya ditlhogo tsa ntlha tse di baakanyeditsweng go re thusa gore re tswelele pele le gore re dirise kgothatso e re e neetsweng mo thulaganyong eo.
8 Jesu o ne a leba bodihedi jwa gagwe ka tsela e e masisi, a bo dira selo sa botlhokwa thata. O ne a bolela jaana: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng.” (Joh. 4:34) A le rona re ikutlwa ka tsela eo? Fa re ikutlwa jalo, eleruri re tla batla ditsela tse ka tsone re ka oketsang tiro ya rona le go abelana “dilo tse di molemo” le ba bangwe go tswa mo khumong ya rona.—Math. 12:35; Luke 6:45.