Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka January 9
Pina 10
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya January 15 le Tsogang! ya January di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha mmoledi a neela bosupi mo tshimong ya kgwebo.
15 mets: Tila Dikotsi Tsa Internet. Puo ka mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tsogang! wa February 8, 2000, tsebe 19-21.
20 mets: “Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Botsa Dipotso Le ka Go Reetsa.”a Fa o tlotla ka serapa 2, botsa bareetsi gore ke dipotso dife tse ba fitlhetseng di na le matswela go simolola motlotlo. Bontsha kafa o ka dirang gore motho a ntshe maikutlo a gagwe ka gone ka go dirisa dipotso ka botlhale le go reetsa ka kelotlhoko.
Pina 125 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 16
Pina 178
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe go lebelela bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights gore ba ipaakanyetse fa e tla bo e tlotlwa mo dibekeng tse pedi tse di tlang mo Pokanong ya Tirelo. Mo mafelong a selegae bagolwane ba tshwanetse ba leka go dira gore malapa a a se nang didirisiwa tsa bidio a bontshiwe bidio eno. Ba ka dira seno ka go rulaganyetsa gore go lebelelwe bidio eno kwa Holong ya Bogosi mo maitsiboeng a e seng a dipokano kgotsa e lebelelwe morago ga thuto ya buka.
15 mets: Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 4-7. Fa o se na go dira matseno a a kafa tlase ga metsotso e le meraro a a theilweng mo tsebe 4, tlotla le bareetsi ka tsebe 5 go fitlha mo setlhogwaneng se se mo tsebe 7. Go tla tlotliwa ka dikarolo tse dingwe tsa buka ya Re Rulaganyeditswe mo Dipokanong Tsa Tirelo tsa mo isagweng.
20 mets: “Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo.”b Tlotla ka dirapa 1-7 tsa tsenyeletso o dirisa dipotso tse di mo setlhogong seno. Bala ditemana tse di tshwanetseng. Kgothaletsa botlhe go baakanyetsa sentle karolo ya bobedi ya tsenyeletso eno e go tla tlotliwang ka yone mo bekeng e e latelang.
Pina 107 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 23
Pina 60
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya February 1 le Tsogang! ya February di ka tsamaisiwa jang. Dira gore nngwe ya dipontsho tseno e dirwe ke mosha.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo.”c Tlotla ka dirapa 8-14 tsa tsenyeletso o dirisa dipotso tse di mo setlhogong seno. Dira gore dintlha tseno di tshwanele phuthego ya lona. Bolelela bakaulengwe kafa phuthego e dirang ka gone mo go romeleng meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe. Umaka ditshenyegelo tse dingwe tsa phuthego le kafa bakaulengwe ba atlegileng ka gone go di duelela.
Pina 205 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 30
Pina 197
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa January. Umaka buka e e tsamaisiwang ka February, mme go nne le pontsho e le nngwe e e bontshang gore e ka tsamaisiwa jang.
15 mets: Dithulaganyo Tse di re Solegelang Molemo. E neelwe ke mogolwane. Bala o bo o tlhalose lekwalo la January 3, 2006 le le tswang kwa ofising ya lekala go diphuthego tsotlhe malebana le ditsela tse re ka solegelwang molemo ka tsone ke go dira ga Komiti ya Puisano le Dikokelo (Hospital Liaison Committee [HLC]) le Setlhopha se se Etelang Balwetse (Patient Visitation Group [PVG]).
20 mets: “Bidio e e Bontshang Kgato e e Botlhokwa e e Tsewang mo go Tsa Kalafi.” Bala Ditiro 15:28, 29, o bo o gatelele ka bokhutshwane gore lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba gana go tshelwa madi ke ka go bo ba ikobela molao wa Modimo o o kaga boitshepo jwa madi. Go tswa foo tlotla ka bidio ya Patient Needs and Rights o dirisa dipotso tse di gatisitsweng mo setlhogong seo. Konela ka go bala serapa sa bofelo.
Pina 45 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 6
Pina 74
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
20 mets: “Basha ba ba Phatsimang Jaaka Masedi.”d Kopa basha go akgela kafa ba ileng ba kgona ka gone go neela bosupi kwa sekolong. Mosha a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ka kopiwa go sa le gale gore ba akgele.
15 mets: Go Nna Mmulatsela yo o Thusang go Lere Masego. (Dia. 10:22) Kopa baboledi ba ba ileng ba nna babulatsela ba ba thusang mo ngwageng o o fetileng go tlhalosa gore ba ile ba rulaganya jang go bula tsela le gore ke melemo efe le masego afe a ba ileng ba a ipelela ka ntlha ya seo. Kgothaletsa botlhe go akanyetsa ka thapelo gore a ba ka se tseye bobulatsela jo bo thusang ka March, April, le May.
Pina 16 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.