Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Go ile ga neelwa Diholo tse disha tsa Bogosi di le mmalwa mme re itumela le diphuthego tse di latelang: Riverview le Mpofana kwa Kwa-Zulu Natal, Boitekong gaufi le Rustenburg, Palm Springs le Comet mo Gauteng, Mgobodi kwa Mpumalanga, Mankopane le Glen Cowie kwa Porofenseng ya Limpopo, Malmesbury kwa Kapa Bophirima, le Kasane kwa Botswana. Diphuthego tsotlhe di le lesome di itumelela thata thuso ya Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo le ya badiri ba baithaopi. Re leboga ba ba ithaopetseng go thusa go aga dikago tseno.