Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Buka epe fela ya bogologolo, go akaretsa le buka ya Kitso, e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na dipe tsa dibuka tseo mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di gaufi di na le dingwe tsa dibuka tsa bogologolo tse lo ka di dirisang. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka nna tsa tsamaisa boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! February: Atamalana le Jehofa.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe, e e jaaka ya go baakanya holo kgotsa ya go aga, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego ka nako ya fa go balwa pego e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tsotlhe tse di kwadisitsweng go nna maloko a Public Benefit Organizations (PBOs) di kopiwa gore fa di sena go tlhatlhoba diakhaonto tsa tsone tsa phuthego tsa September, October, le November, di di romele kwa ofising ya lekala. Ka fa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office.
◼ Molebedi yo o okamelang: Tsweetswee tlhomamisa gore pego ya Unassigned Territory Assignment (S-91) e tladiwe le go romelwa kwa ofising ya lekala mmogo le mmapa wa tshimo eo. Seno se tshwanetse go dirwa pele ga November 17, 2006. Akaretsa le maitemogelo ape a a kgatlhang. Go tshwanetse ga dirisiwa setempe sa madi a a lekaneng enfelopo e kgolo.
◼ DI-DVD Tse Disha Tse di Gone:
Noah Walked With God—David Trusted in God—Puo ya Diatla ya Amerika