LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/06 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka November 13
  • Beke e e Simololang ka November 20
  • Beke e e Simololang ka November 27
  • Beke e e Simololang ka December 4
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 11/06 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ela tlhoko: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka nako ya dikgwedi tsa dikopano. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tlhokegang gore di kgone go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” Fa go tshwanela, dirisang metsotso e le 15 mo Pokanong ya Tirelo ya bofelo pele ga lo ya kopanong go boeletsa dikgakololo tse di tshwanelang phuthego ya lona. (Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2006.) Kgwedi e le nngwe kgotsa di le pedi morago ga kopano, beelang metsotso e le 15 go ya go e le 20 kwa thoko mo Pokanong ya Tirelo (gongwe mo puong ya dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko) go boeletsa dintlhakgolo tsa kopano. Puo eno ga e a tshwanela go boeletsa thulaganyo yotlhe ya kopano. Go na le moo, tlotla fela ka dipuo tse di buang ka tlhamalalo ka tiro ya bodiredi jwa tshimo. Kopa bareetsi go akgela kafa ba dirisang tshedimosetso eo ka gone mo bodireding jwa bone.

Beke e e Simololang ka November 13

Pina 152

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya November 15 le Tsogang! ya November di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha kafa o ka arabang ka gone fa motho a kgoreletsa puisano ka gore “Ke setse ke tlwaelane le tiro ya lona.”—Bona buka ya Go Fetolana, ts. 20.

20 mets: Badiredi ba Dikgang Tse di Molemo. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 77 go fitlha mo setlhogwaneng se se mo tsebeng ya 83.

15 mets: “Go Nna Pelokgale Mme Gone re le Kagisano.”a Akaretsa dikakgelo tse di mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 252-3, kafa tlase ga setlhogwana se se kwadilweng ka mokwalo o o sekameng se se reng “Nako ya go Ineela.”

Pina 39 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 20

Pina 132

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang. Bua ka tiro e e dirilweng le maitemogelo ape a a kgothatsang.

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: Go tsamaisa buka ya Monna yo Mogolo ka December. Motlotlo le bareetsi. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ratang ka buka ya Monna yo Mogolo le maitemogelo a ba nnileng le one fa ba ne ba e tsamaisa mo nakong e e fetileng. Tlotla ka dipuisano tse di akantshitsweng tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005. Dira pontsho e e bontshang kafa o ka tsamaisang buka eno ka gone o dirisa nngwe ya dipuisano tse di akantshitsweng kgotsa puisano e nngwe e e ka nnang le matswela mo tshimong ya lona.

Pina 203 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 27

Pina 111

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa November.

10 mets: Ba Aga Mmogo ka Kutlwano Gore ba Bake Modimo. Puo ka mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2006, tsebe 17-21.

15 mets: “Kafa o ka Baakanyetsang go Buelela Dimakasine ka Gone.”b Akaretsa le pontsho ya metsotso e le meraro ya baboledi ba babedi, gongwe monna le mosadi, ba tlhopha puisano e e akantshitsweng mo tsebeng ya 4 ya go tsamaisa dimakasine tsa December le go dira tshwetso ya gore ba tla e dirisa jang, ba e bua ka mafoko a bone. Morago ga moo, ba dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong se go sa tswang go tlotliwa ka sone, ba baakanyetsa le go bontsha kafa ba tla buelelang ka gone setlhogo se sengwe se ba fitlhetseng se tshwanela mo tshimong ya bone thata.

15 mets: Go Rera Lefoko go a Lapolosa. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 2002, tsebe 8-9. Kopa bareetsi go akgela kafa bodiredi bo ba lapolosang ka gone. Mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ka kopiwa go sa le gale gore ba akgele.

Pina 120 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 4

Pina 155

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

15 mets: “Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!”c Kgothaletsa phuthego go dirisa ka botlalo dikarolo tse di kgethegileng tsa buka eno, jaaka mabokose le ditshwantsho. Kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe, go tshwanetse ga dirisiwa Baebele go boeletsa se se ithutilweng.

20 mets: Dirisa Baebele fa o Araba. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2002, tsebe 17-18, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Go Rata Dithuto Tsa Boammaaruri Tse re di Rutang.” Kopa bareetsi go akgela ka potso nngwe le nngwe. Dira pontsho ya mmoledi a dirisa buka ya Go Fetolana go araba modirikaene ka Dikwalo yo o botsang jaana, “Ke ka ntlha yang fa lo sa keteke Keresemose?”

Pina 168 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela