A o Ipaakanyeditse Masetlapelo a Tlholego?
1. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go nna re ipaakanyeditse masetlapelo?
1 Ngwaga le ngwaga, dimilione tsa batho go dikologa lefatshe, go akaretsa le bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba amiwa ke dithoromo tsa lefatshe, di-tsunami, dipula tsa matsorotsoro, dikgwanyape, ditsuatsue le merwalela. E re ka masetlapelo a tlholego a direga ka tshoganyetso e bile a ka ama mongwe le mongwe wa rona, ke selo se se botlhale go nna re ipaakantse.—Dia. 21:5.
2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itsise bagolwane aterese ya rona ya bosheng le dinomoro tsa mogala?
2 Se se Ka Dirwang Pele ga a Direga: Ka dinako tse dingwe balaodi ba kgona go tlhagisa batho ka masetlapelo a a tlileng go direga. Go botlhokwa go ela ditlhagiso tseno tlhoko. (Dia. 22:3) Mo maemong a a ntseng jalo bagolwane ba tla leka go ikgolaganya le batho botlhe mo phuthegong go ba thusa go dira dithulaganyo tse di tlhokegang. Morago ga masetlapelo, bagolwane ba tla leka gape go ikgolaganya le botlhe ba ba kopanelang le phuthego go bona fa ba babalesegile le go bona gore ba ka tswa ba tlhoka thuso efe. Nako e e botlhokwa e ka senyega fa bagolwane ba se na tshedimosetso ya bosheng ya baboledi. Ka jalo go botlhokwa gore baboledi ba itsise mokwaledi le molebedi wa bone wa thuto ya buka aterese ya bone ya bosheng le dinomoro tsa mogala.
3. Re ka dirisana mmogo le bagolwane jang fa re nna mo lefelong le go ka nnang ga direga masetlapelo mo go lone?
3 Fa phuthego e le mo lefelong le go ka nnang ga direga masetlapelo mo go lone, bagolwane ba ka nna ba kopa baboledi go ba bolelela leina le thelefouno ya mongwe wa losika kgotsa tsala e e sa nneng gaufi le foo yo go ka ikgolaganngwang le ene fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso. Seno se tla thusa bagolwane go bona ba ba tlositsweng mo lefelong la masetlapelo. Gape bagolwane ba ka nna ba rata go rulaganya gore phuthego e tla dira eng fa go ka tlhaga maemo a tshoganetso go akaretsa dilo tse di tshwanang le go nna le lenaane le le sa raraanang la dilo tsa maemo a tshoganetso, dithulaganyo tsa go tswa mo lefelong leo le dithulaganyo tsa go thusa batho ba maemo a a kgethegileng. Go botlhokwa go dira dilo go ya ka dithulaganyo tseno.—Baheb. 13:17.
4. Re tshwanetse go dira eng fa masetlapelo a direga mo lefelong la rona?
4 Morago ga Masetlapelo: O tshwanetse go dira eng fa masetlapelo a direga mo lefelong la lona? Tlhomamisa gore ba lelapa la gago ba tlamelwa ka dilo tse ba di tlhokang. Fa o kgona, thusa ba bangwe ba ba amegileng gore le bone ba nne le dilo tse ba di tlhokang. Leka go ikgolaganya le molebedi wa gago wa thuto ya buka kgotsa mogolwane yo mongwe ka bonako jo bo kgonegang. O tshwanetse go dira seno le fa o babalesegile o sa tlhoke thuso. Fa o tlhoka thuso, tlhomamisega gore bakaulengwe ba gago ba leka ka natla go go thusa. (1 Bakor. 13:4, 7) Gakologelwa gore Jehofa o lemoga boemo jwa gago; ikaege ka ene go go thusa. (Pes. 37:39; 62:8) Nna o etse tlhoko ditshono tsa go thusa ba bangwe semoyeng le go ba gomotsa. (2 Bakor. 1:3, 4) Simolola gape thulaganyo ya gago ya dilo tsa semoya ka bonako jo bo kgonegang.—Math. 6:33.
5. Rona Bakeresete re amiwa jang ke matshosetsi a masetlapelo?
5 Le fa matshosetsi a masetlapelo a dira gore batho ba tlhobaele thata, re ka lebelela pele kwa isagweng ka tsholofelo. Go ise go ye kae, masetlapelo otlhe a tla bo a sa tlhole a le gone. (Tshen. 21:4) Gone jaanong, re ka tsaya dikgato tse di tshwanetseng go ipaakanyetsa dinako tsa mathata fa re ntse re tlhoafetse mo tirong ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo.