LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 8/8 ts. 4-8
  • Go Lwa ga Motho le Dikotsi Tsa Masetlapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lwa ga Motho le Dikotsi Tsa Masetlapelo
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega Gore Ba Fetole Mogopolo
  • Go Tlhoma Mekgele
  • Tsela e e Tlhobaetsang e Dilo di Diragalang ka Yone
  • Ke Eng fa di Oketsega?
  • A di ka Thibelwa Kana Nnyaa?
  • Se O ka Se Dirang Le se O ka se Kang wa se Dira
  • Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Fa Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego di Tlhasela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego—Ke Eng Fa di Le Dintsi Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 8/8 ts. 4-8

Go Lwa ga Motho le Dikotsi Tsa Masetlapelo

GO SETSE go fetile dingwaga di le tharo mme mokwaledikakaretso wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, Boutros Boutros-Ghali ga a itumela. “Ga re a dira ka lebelo le le lekaneng,” o ne a bolelela setlhopha sa baitse bangwe jalo ka 1993. “Fa ke ne ke lo kopa gore re kopane jaanong e seng moragonyana, maikaelelo e ne e le go bona gore a go na le sengwe se re ka se dirang ka go bo re setse re sentse nako.” A go ne go sentswe nako? O ne a akantse eng? Ditlhaka tse tlhano: IDNDR. Di kaya eng? Mme e bile go sianetswe eng?

Mongwe wa baitse ba ba neng ba tlile kwa kokoanong eo e ne e le Frank Press, moitse wa fisikisi e e akaretsang dithoromo tsa lefatshe, maemo a bosa, jalo le jalo, le “mosimolodi” wa IDNDR. Mo dingwageng tse 11 tse di fetileng, Dr. Press o ne a simolola go phutha borasaense ba lefatshe gore ba oketse maiteko a bone a go lwa le dikotsi tsa masetlapelo tsa tlholego. Dingwaga tse tlhano moragonyana, ka December 1989, Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la tsibogela kopo ya gagwe ya gore le tlogele go itlhokomolosa seno mme la bitsa dingwaga tsa 1990 go fitlha ka 2000 e re ke International Decade for Natural Disaster Reduction kana IDNDR. Boikaelelo jwa yone ke eng?

Go Tlhokega Gore Ba Fetole Mogopolo

Porofesa wa kwa Brazil wa jeoloji le leloko la Scientific and Technical Committee ya IDNDR, Umberto G. Cordani, o ne a bolelela Tsogang! gore IDNDR e ikuela mo ditšhabeng tsotlhe gore di dirise kitso ya tsone le madi a tsone mme di dirisane mmogo go fokotsa pogo, tshenyo, go kgaosediwa ga dilo le dintsho tse di bakiwang ke dikotsi tsa masetlapelo tsa tlholego. Porofesa Cordani o ne a gatelela jaana: “Boikaelelo jono bo ka fitlhelelwa fa lefatshe lotlhe le dira sengwe pele dikotsi tsa masetlapelo di diragala eseng go simolola go siana di setse di diragetse.”

Lefa go ntse jalo, go fetola tsela e batho mo lefatsheng lotlhe ba akanyang ka yone go bokete go feta go raya ngwagasome leina, ka go bo “batho ba ba dirang ditshwetso, ba rata thata go sekamela mo go namoleng go na le mo go thibeleng kotsi,” go bolela jalo UNESCO Environment and Development Briefs. Ka sekai, mo mading otlhe a a dirisediwang go laola dikgoreletsi tsa tlholego kwa Latin America, go feta diperesente di le 90 tsa one di ya mo namolong mme diperesente tse di kwa tlase ga tse 10 di ya mo go di thibeleng. Lefa go ntse jalo, lekwalodikgang la IDNDR, Stop Disasters, la re boradipolotiki “ba tshegediwa thata fa ba gomotsa batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa masetlapelo go na le fa ba kopa madi a makgetho gore ba tseye dikgato tse di tla dirang gore go tilwe kana go fokodiwe dikotsi tsa masetlapelo.”

Go Tlhoma Mekgele

Go fetola mokgwa ono wa go dirisa madi, Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la bolela mekgele e meraro eno ya ngwagasome ono. Ka ngwaga wa 2000, dinaga tsotlhe di tshwanetse tsa bo di setse di dirile (1) dipatlisiso kaga bodiphatsa jo bo ka leriwang ke dikgoreletsi tsa tlholego, (2) dithulaganyo tsa lobaka lo lo tlang tsa go di ipaakanyetsa le go di thibela le (3) mekgwa ya go tlhagisa batho. Go ne ga tlhomiwa dikomiti tsa bosetšhaba go dira dithulaganyo tsa go dirisa filosofi ya IDNDR le go rulaganya maikaelelo a yone a a molemo mme ka May 1994, go ne ga tshwarelwa World Conference on Natural Disaster Reduction e e neng e tshegediwa ke Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka madi kwa Japane. E re ka ditiro tseno di ne di setse di rulagantswe kana di setse di dirwa, ke ka ntlha yang fa Boutros-Ghali a ne a sa kgotsofala? E ne e le ka ntlha ya tsela nngwe e dilo di diragalang ka yone e e tshwenyang thata.

Tsela e e Tlhobaetsang e Dilo di Diragalang ka Yone

Kafa letlhakoreng le lengwe, maiteko a IDNDR a a atlega. Borasaense ba ntse ba lemoga ka bontsi gore dikotsi tsa masetlapelo di tshwanetse go thibelwa mme dikgato dingwe tse di tserweng, jaaka go tokafatsa mekgwa ya go tlhagisa batho, di boloka matshelo le go fokotsa ditshenyegelo. Lefa go ntse jalo, le mororo go na le dilo tse di kgonnweng go dirwa, Dr. Kaarle Olavi Elo, motsamaisi wa bokwaledi jwa IDNDR, o bolela gore “palo le bogolo jwa dikotsi tseno tsa masetlapelo di ntse di oketsega, mme di ama batho ba ba oketsegileng.” Re bone “koketsego e e imenneng ga 3 go tloga ka 1960 go fitlha ka 1980, mme re ile ra bona di oketsega gape ka tsela e kgolo ka bo1990,” go tlhomamisa jalo moitse mongwe wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Eleruri, dikotsi tse dikgolo tsa masetlapelo di le 434 di ne tsa bolaya batho ba le 162 000 mo lefatsheng lotlhe ka 1991 mme ka 1992, ditshenyegelo e ne ya nna tsa didolara di le dimilione di le dikete di le 62 (U.S.) (diranta di le dimilione di le dikete di le 225). Molaodimookamedi wa UNDP (United Nations Development Program), James G. Speth, o ile a bolela gore lefatshe le fetogile “motšhine wa dikotsi tsa masetlapelo, le tlhagisa mathata kgapetsa ka tsela e e ngomolang pelo.” (UNDP Update, November 1993) Tsela eno e dilo di diragalang ka yone e e tshwenyang e bakiwa ke eng?

Ke Eng fa di Oketsega?

Fa re araba seno, ela tlhoko pele pharologano e e fa gare ga sekgoreletsi sa tlholego le kotsi ya masetlapelo ya tlholego. Sa ntlha ke tiragalo ya tlholego—jaaka morwalela kana thoromo ya lefatshe—e e ka nnang ya nna kotsi ya masetlapelo lefa go ntse jalo ga se ka metlha go nnang jalo. Ka sekai, merwalela ya kwa Brazil kwa mokgatšheng o go sa agang ope mo go one wa Amazon ke ditiragalo tsa tlholego tse di sa gobatseng ka gope. Lefa go ntse jalo, merwalela ya kwa Bangladesh ya kwa molomong wa Ganges o o nang le baagi ba bantsi e bolaya batho, e senya dilo le tikologo fela thata. Gantsi dikotsi tseo di maswe thata mo e leng gore batho ba di ba wetseng ga ba kgone go dira sepe fa ba sa thusiwe ke dinaga tse dingwe. Mo kgannyeng eo, sekgoreletsi sa tlholego se fetoga kotsi ya tlholego ya masetlapelo. Gone mme, ke eng fa dikotsi tsa masetlapelo tse di tlhagelang batho di ntse di oketsega?

Moitse wa dikotsi tsa masetlapelo, James P. Bruce o bolela gore “selo se se bakang seno” e ka tswa e le “tsela e e tlhobaetsang e dikgoreletsi tseno di leng maswe thata ka yone e bile di diragala kgapetsa ka yone.” Lefa go ntse jalo, ene le borasaense ba bangwe ba dumalana gore selo se se dirang gore dikotsi tseno di oketsege ga se gore dilo tse di kgoreletsang tsa tlholego di oketsegile mme ke ka gore motho o ipeile mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dikgoreletsi tseno. Makasine wa World Health o bolela gore go nna ga motho mo diphatseng thata, go bakiwa ke “selekanyo sa baagi, go tshwanela ga baagi lefelo le ba nnang mo go lone le maemo a tegenoloji, go tlhakane.” Dikarolo tse dingwe tsa dilo tse di tlhakaneng tseno tse di bakang dikotsi tsa masetlapelo ke dife?

E nngwe ya tsone ke go oketsega ga baagi ba lefatshe. Fa lelapa la motho le ntse le oketsega, bodiphatsa jwa gore sekgoreletsi sengwe sa tlholego se ka fitlhela bangwe ba batho ba ba dimilione di le dikete tse 5,6 ba baagi ba lefatshe kwa se tla itayang teng bo a oketsega. Mo godimo ga moo, go pitlagana ga baagi go pateletsa dimilionemilione tsa baagi ba ba humanegileng go nna mo dikagong tse di sa nnang sentle mo mafelong a go itsegeng gore a tlhola a itewa ke dikotsi dingwe tsa tlholego. Se seno se felelang ka sone ga se gakgamatse: Fa e sale ka 1960, baagi ba lefatshe ba ile ba oketsega go menagane gabedi mme ditshenyegelo tse di bakiwang ke dikotsi tsa masetlapelo di ile tsa imena ga lesome!

Diphetogo tse di diragalang mo tikologong di oketsa bothata. Go tloga kwa Nepal go fitlha kwa Amazon le go tloga kwa dipoeng tsa Amerika Bokone go fitlha kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific, motho o rema dikgwa, o lema lefatshe go feta selekanyo, o thuba dithotana tsa korale a bo a tlogela motlhala wa tshenyo—mme e se gore ga a tle go utlwa matswela a gone. “Fa re nnela go tsaya gore tikologo ya rona e nonofile le go nnela go fetola tebego ya yone, re oketsa bodiphatsa jwa gore sekgoreletsi sengwe sa tlholego se bake kotsi,” go ne ga bolela jalo motsamaisi wa IDNDR, Robert Hamilton.

Lefa go ntse jalo, fa e le gore dilo tse motho a di dirang di oketsa tsela e dikotsi tsa masetlapelo di tlhagang ka yone mo ditlhogong tsa dikgang gompieno, go raya gore go ka kgonwa go dirwa se se fapaaneng: Motho a ka kgona go fetola ditlhogo tsa mo isagweng tsa dikgang ka go tsaya dikgato tsa go thibela seno. Loso le tshenyo di ka fokodiwa. Ka sekai, baitse ba bolela gore go a kgonega gore go ka thibelwa diperesente tse 90 tsa batho ba ba bolawang ke dithoromo tsa lefatshe gore di se ka tsa swa. Lefa go ntse jalo, le mororo mabaka a a bolelwang a go thibela dikotsi tsa masetlapelo a nonofile, batho ba le bantsi ba akanya gore ga di kake tsa tilwa. UNESCO Environment and Development Briefs e bega gore kgopolo eno ya go akanya fela ka loso, ke “sekgoreletsi se segolo mo go fokotseng dikotsi tsa masetlapelo.” Wena o kafa letlhakoreng lefe la sekgoreletsi seno?

A di ka Thibelwa Kana Nnyaa?

Boikutlo jono jwa go itlhoboga bo tletsetletse thata kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa—e bile ga go gakgamatse! Mo bathong botlhe ba ba bolailweng ke dikotsi tsa masetlapelo tsa tlholego mo dingwageng tse 50 tse di fetileng, diperesente tse 97 tsa bone di ne di nna kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa! Stop Disasters, e bolela gore go dingwe tsa dinaga tseno “dikotsi di tlhaga kgapetsa thata mo e leng gore go bokete tota go lemoga gore kotsi e nngwe e a fela mme e nngwe e a simologa.” E bile tota, diperesente tse 95 tsa dikotsi tsotlhe tsa masetlapelo di diragala mo dinageng tse di santseng di tlhabologa. Mo go tseno o ka oketsa ka dikotsi tse dingwe tsa masetlapelo tse di tlhagelang batho ka namana—khumanego, go tlhoka ditiro, maemo a a maswe a botshelo—mme o tla lemoga lebaka la go bo go itlhoboga ga batho ba ba humanegileng go ba hupetsa jaaka lekhubu jaana. Ba tsaya tshenyo e e dirwang ke dikotsi tse di diragalang kgapetsa jaaka karolo e e botlhoko ya botshelo e ba ka se kang ba e tila. A gone ga ba kake ba tila seno?

Se O ka Se Dirang Le se O ka se Kang wa se Dira

Ke boammaaruri gore ga o kake wa kgona go laola tsela e dikgoreletsi tsa tlholego di diregang kgapetsa ka yone kana bogolo jwa tsone, legale seo ga se reye gore o itlhoboge. O ka fokotsa bodiphatsa jwa go tlhaselwa ke ditiragalo tseno. Jang? Akanya ka setshwantsho seno.

Mma re re motho o batla go itshireletsa mo marannyeng a letsatsi (tiragalo ya tlholego) go thibela gore a se ka a tshwarwa ke kankere ya letlalo (kotsi ya masetlapelo). Ke eng se a ka se dirang? Go phepafetse gore ga a kake a laola go tlhaba le go phirima ga letsatsi (makgetlho a tiragalo eno e diregang ka one). Kana gone go fokotsa selekanyo sa marang a a fitlhang kwa tikologong e a leng kwa go yone (bogolo jwa tiragalo). A mme seo se raya gore a itlhoboge? Nnyaa, a ka fokotsa selekanyo se a nnang ka sone mo letsatsing. Ka sekai, a ka nna mo ntlong ka nako ya fa letsatsi le le bogale thata, kana fa go sa kgonege, a ka rwala hutshe le go apara diaparo tse di tla mo sireletsang fa a le kwa ntle. Seno se tla oketsa kafa a sireletsegileng ka teng mo letsatsing (tiragalo) le go fokotsa bodiphatsa jwa go tlhaselwa ke kankere ya letlalo (kotsi ya masetlapelo). Dikgato tse a di tsayang go thibela seno di ka thusa thata!

Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka tsaya dikgato go oketsa kafa o sireletsegileng ka teng mo dikgobalong tse di ka bakiwang ke sekgoreletsi sengwe sa tlholego. Ka tsela eo, o ka fokotsa kgonego ya go tlhaselwa ke kotsi ya masetlapelo kana ditshenyegelo tse e ka di bakang. Ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologileng ba ka solegelwa molemo ke dikakantsho tse di mosola tse di mo bokosong e e reng “A o Ipaakantse?” Mme fa o nna kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa, dikai tse di mo bokosong e e reng “Ditlhabololo Tse di sa Jeng Madi a Mantsi Tse di Thusang” di ka go naya megopolo ya dikgato tse di motlhofo tse o ka di tsayang. Di ka boloka botshelo jwa gago le go fokotsa ditshenyegelo. Moitse wa fisikisi e e akaretsang dithoromo tsa lefatshe, maemo a bosa le tse dingwe, Frank Press o gakolola gore “go akanya fela ka loso ga go tlhole go dumelelwa” ka ntlha ya tegenoloji ya gompieno. Kwa ntle ga pelaelo, fa go tla mo dikotsing tsa masetlapelo tsa tlholego, ruri go di thibela go botoka go feta sepe se se ka dirwang fa di setse di iteile.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A o Ipaakantse?

LEKGOTLA la U.S. Federal Emergency Management Agency le akantsha ditsela di le mmalwa tsa go lwa ka katlego le dikgoreletsi. Dintlha dingwe tse dikgolo di a latela.

Bona tshedimosetso. Ya kwa ofiseng ya mo lefelong la lona e e dirang ka maemo a tshoganetso mme o botse gore ke dikotsi dife tse di ka tlhagang mo tikologong ya lona. O ka tswa o itse tse dingwe mme tse dingwe o sa di itse. Fa o utlwela gore legae la gago le ka tlhaselwa ke dikgoreletsi dingwe tsa tlholego:

◻ Kopana le lelapa la gago mme le tlotle ka mofuta oo wa sekgoreletsi se se ka nnang sa tlhasela. Tlhalosa se se tshwanetseng go dirwa.

◻ Rulaganyang gore lo tlile go golagana jang fa tiragalo eo e ka lo kgaoganya. Tlhophang mafelo a mabedi a le ka kopanang kwa go one: le lengwe le nne ka kwa ntle ga ntlo ya lona fa go ka direga sengwe ka tshoganetso jaaka, molelo, mme le lengwe le nne kwa ntle ga tikologo ya lona fa e le gore ga le kgone go boela mo gae.

◻ Kopa tsala nngwe gore ba lelapa ba ikgolaganye le yone e tle e re fa lo sa kgone go fitlha kwa lo rulagantseng go kopana teng, botlhe mo lelapeng ba founele motho yono mme ba mmolelele kwa ba leng teng. Tlhopha tsala e e sa nneng mo lefelong la lona gonne morago ga kotsi go motlhofo go founela kwa kgakala go na le mo lefelong le le amegileng. Ruta bana kafa ba ka leletsang tsala eno ka teng. Tlotlang ka se lo tshwanetseng go se dira fa go tlhokega gore le tswe mo lefelong la kotsi. Akanyang kafa lo tla thusang baagisani ba ba ka tlhokang go thusiwa ka teng ka ditsela dingwe tse di kgethegileng. Rulaganyang gore lo tlile go tlhokomela diruiwa tsa lona ka tsela efe.

◻ Bayang dinomoro tsa tshoganetso fa founong nngwe le nngwe.

◻ Itseng fa bokoso ya motlakase e leng teng, fa pompo e kgolo ya metsi le gase di tshubiwang le go tingwa teng. Bontsha ba ba nang le boikarabelo mo lelapeng kafa dilo tseno di tshubiwang le go tingwa ka teng le gore di tingwa leng mme o beye dithulusu tse di tlhokegang gaufi le fa di tshujwang le go tingwa teng.

◻ Ipaakanyetseng fa go ka sha. Tsenyang dilo tse di itseng go supa fa mosi o le teng, segolobogolo gaufi le dikamore tsa borobalo.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Ditlhabololo Tse di sa Jeng Madi a Mantsi Tse di Thusang

GO YA kafa World Bank e begang ka teng, mo e ka nnang halofo ya baagi ba lefatshe e tshela ka diranta tse di kafa tlase ga tse 18 ka beke. Baitse ba bolela gore, lefa o ka tswa o le mo seemong se se ntseng jalo, go na le dikgato dingwe tse di tlhomameng tse o ka di tsayang. Di itse, gonne thuto, “ke selo sa botlhokwa se se sa jeng madi a mantsi se se fokotsang bodiphatsa jwa sepe fela,” go gatelela jalo moitse wa dikotsi tsa masetlapelo wa kwa Peru, Alberto Giesecke. Dikai dingwe tse pedi go tswa kwa Amerika Borwa ke tseno:

Mitigating Natural Disasters, buka ya kaelo ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e tlhalosa se se ka dirwang fa go agiwa matlo a a botoka a mmu kana mekgoro e e botoka:

◻ Fa o aga mo thabeng, epa lefatshe o direle ntlo ya gago boalo jo bo sephaphathi.

◻ Matlo a a sekwere ke one a a nonofileng; fa o tlhoka ya matlhakore a a fetanang, aga lebota le lengwe le le boleele jo bo gabedi le sephatlo sa le lengwe.

◻ Dira motheo ka maje kana ka konkoreite go fokotsa maatla a dithoromo tsa lefatshe.

◻ Mabota a a lebaganeng a lekane ka bokete, ka nonofo le ka boleele. A dire masesane e bile a nne kwa tlase. Matlo a a agilweng ka tsela eno ga a senyege thata fa go nna le thoromo ya lefatshe jaaka matlo a a tlwaelegileng a mmu.

Matlo a a dirilweng ka logong kana ditshipi tse di logilweng (quincha) le one a supilwe fa a siame. Stop Disasters, e bolela gore matlo a quincha, a dirilwe ka matlhaka le dikalana tse di logagantsweng tse di tshegeditsweng ka dipale tse di robaditsweng le tse di emisitsweng mme ga a na mmu o montsi. Mofuta ono wa ntlo, o o nang le mabota a bokima jwa disentimetara di le 10 go ya go tse 15, a letla ntlo eno gore e tshikinyege fa go na le thoromo ya lefatshe mme fa thoromo ya lefatshe e emisa, dikago tseno di boela gape kafa di neng di ntse ka teng pele. Mo thoromong nngwe ya lefatshe ka 1991, matlo otlhe a a ntseng jalo a ne a sala a eme fa a mangwe a le 10 000 a a neng a na le mabota a bokima jwa mmetara o le mongwe a ne a gosomana a bolaya batho ba le 35. Go ya ka mothadi wa dipolane wa UNESCO, John Beynon, dithoromo tsa lefatshe ga se tsone di bolayang batho; ba bolawa ke dikago fa di phutlhama.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Mo mafelong a mangwe, motho o rema dikgwa, a betlela dikotsi tsa masetlapelo tsa tlholego tsela ya gore di iteye thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela