Fa Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego di Tlhasela
Accra, Ghana, July 4, 1995: Dipula tse di neng di na matsorotsoro go feta tse di kileng tsa na mo e ka nnang dingwaga tse 60 tse di fetileng di ne tsa baka merwalela e megolo. Batho ba ba ka nnang 200 000 ba ne ba senyegelwa ke sengwe le sengwe, ba ba ka nnang 500 000 ba ne ba senyegelwa ke magae a bone, mme ba ba ka nnang 22 ba ne ba tlhokafala.
San Angelo, Texas, U.S.A., May 28, 1995: Dipula tsa matlakadibe le sefako di ne tsa tlhasela toropokgolo eno e e nnang batho ba le 90 000, tsa baka ditshenyegelo tsa madi a a fopholediwang go dimilione tse 522 tsa diranta.
Kobe, Japane, January 17, 1995: Thoromo ya lefatshe e e neng ya tsaya metsotswana e le 20 fela e ne ya bolaya diketekete tsa batho, masome a a dikete a batho a ne a gobala, mme makgolo a a dikete a batho a ne a sala a sena magae.
RE TSHELA mo nakong e e ka nnang ya bidiwa motlha wa dikotsi tsa masetlapelo. Pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e senola gore mo nakong ya dingwaga tse 30 go tloga ka 1963-92, palo ya batho ba ba bolailweng, ba ba gobetseng, kana ba ba fudugileng ka ntlha ya dikotsi tsa masetlapelo e ne ya oketsega ka palogare ya diperesente tse 6 ngwaga le ngwaga. Seemo seno se se senang tshepo se ile sa dira gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhophe dingwaga tsa bo1990 e le “International Decade for Natural Disaster Reduction.”
Ke boammaaruri gore maatla a tlholego—a a jaaka dipula tsa matlakadibe, go thunya ga lekgwamolelo, kana thoromo ya lefatshe—ga se ka dinako tsotlhe a lereng kotsi ya masetlapelo. Makgolokgolo a tsone a diragala ngwaga le ngwaga mme batho ba sa nne mo kotsing. Mme fa batho ba le bantsi ba latlhegelwa ke matshelo a bone le dithoto, go ka tshwanela he gore e bidiwe kotsi ya masetlapelo.
Go oketsega ga dikotsi tsa masetlapelo a tlholego go bonala go ka se ka ga tilwa. Buka ya Natural Disasters—Acts of God or Acts of Man? e bolela jaana: “Batho ba fetola tikologo ya bone go e dira gore e tlhaselwe ke dikotsi dingwe tsa masetlapelo, mme ba itshwara ka tsela e e dirang gore ba iphitlhele ba sa sireletsega mo dikotsing tseo.” Buka eno e bolela ka sekai se se bakang seno: “Fa go ka nna le thoromo ya lefatshe e potlana kwa go nang le mekhukhu e e agilweng ka ditena tsa mmu gone e e mo lotshitshing lwa molapo e ka itshupa sentle e le kotsi ya masetlapelo go ya ka batho ba ba tla swang le ba ba tla bogang. A mme kotsi ya masetlapelo e bakiwa thata ke go thulana ga lefatshe kana ke ka go bo batho ba nna mo matlong a a ntseng jalo a a kotsi mo lefelong leo le le kotsi?”
Baithuti ba Baebele ba itse lebaka le lengwe la go bo go oketsega ga dikotsi tsa masetlapelo a tlholego go sa gakgamatse jaana. Mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo” bo ne bo tla bonwa ka “meswele, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe,” fa go umakiwa di sekae fela. (Mathaio 24:3, 6-8, bapisa NW.) Gape Baebele e ne ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo,” batho ba ne ba tla nna baithati, barati ba madi, ba sena lorato lwa tlholego, e bile e se barati ba molemo gope.a (2 Timotheo 3:1-5) Gantsi mekgwa eno e ka dira gore motho a dire sengwe se se leng kgatlhanong le tikologo e a leng mo go yone, e dira gore batho ba se ka ba sireletsega mo maatleng ano a tlholego. Dikotsi tsa masetlapelo tse di bakilweng ke batho le tsone di tswa mo setšhabeng se se senang lorato se bontsi jwa batho ba tshwanetseng go tshela mo go sone.
Fa fela polanete ya rona e ntse e tlala ka batho jaana, fa fela boitshwaro jwa batho bo ntse bo tsenya batho mo kotsing jaana, le fa fela dikhumo tsa lefatshe di ntse di sa dirisiwe sentle thata jaana, dikotsi tsa masetlapelo di tla nna di ntse di tlhasela batho. Go namola go baka dikgwetlho, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le metlha ya bofelo, bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, ditsebe 98-107, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover: Maxie Roberts/Courtesy of THE STATE
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Top: Information Services Department, Ghana; right: San Angelo Standard-Times