Kafa Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego e re Thusang ka Gone
1. Dipokano tsa rona tse tlhano tsa beke le beke di re thusa jang?
1 Nngwe le nngwe ya dipokano tsa rona tse tlhano tsa beke le beke e farologane ka tsela e e tshwarwang ka yone le boikaelelo jwa yone. Le fa go ntse jalo, dipokano tsotlhe di botlhokwa go re thusa go ‘akanyetsana gore re tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Baheb. 10:24, 25) Dingwe tsa dikarolo tse di tlhomologileng le tse di mosola tsa thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego ke dife?
2. Ke melemo efe e e nnang gone mo go kopaneleng le setlhopha se se sennye mo thutong ya buka?
2 E re Thusa go Gatela Pele Semoyeng: Palo ya batho ba ba nnang gone mo thutong ya buka gantsi e kwa tlase ga ya ba ba nnang gone mo dipokanong tse dingwe tsa phuthego. Seno se dira gore go nne motlhofo go nna le ditsala tse di ka re thusang semoyeng. (Dia. 18:24) A o lekile go itse botlhe mo setlhopheng sa gago sa thuto ya buka, gongwe go kopa mongwe le mongwe gore a bereke le wena mo bodireding? Gape thulaganyo ya thuto ya buka e dira gore molebedi wa thuto ya buka a itse maemo a mongwe le mongwe mo setlhopheng le go ba kgothatsa.—Dia. 27:23.
3. Thulaganyo ya thuto ya buka e kgothaletsa jang diithuti tsa Baebele go akgela le go nna teng?
3 A o laleditse diithuti tsa gago tsa Baebele go nna gone mo thutong ya buka le wena? Batho ba ba kgatlhegang ba ba okaokang go nna gone mo dipokanong tse dikgolo ba ka ne ba sa boife go nna gone mo pokanong e nnye, segolobogolo mo legaeng la mongwe. Botsalano jo bo nnang gone bo dira gore go nne motlhofo gore basha le batho ba ba sa tswang go kopanela ba akgele. Mme e re ka setlhopha se le sennye, re na le ditshono di le dintsi tsa go akgela le go baka Jehofa.—Pes. 111:1.
4. Thulaganyo ya thuto ya buka e ka siamela baboledi ka ditsela dife?
4 Gantsi dithuto tsa buka di tshwarelwa mo mafelong a a siametseng mongwe le mongwe. Le fa go sa kgonege gore batho botlhe ba abelwe lefelo le le gaufi le bone, go ka nna ga tlhokega gore re tsamaye sekgala se sennye fa re ya kwa thutong e re e abetsweng ya buka go na le fa re ya kwa dipokanong tse dingwe tsa phuthego. Lefelo le go tshwarelwang thuto ya buka mo go lone le ka dirisiwa gape jaaka lefelo le le siametseng go tshwarela pokano ya tirelo ya tshimo.
5. Molebedi wa thuto ya rona ya buka a ka re thusa jang mo bodireding?
5 Go Thusiwa mo Bodireding: Molebedi wa thuto ya buka o kgatlhegela go thusa mongwe le mongwe go nna le seabe se se nang le matswela, se se itumedisang, sa ka metlha mo bodireding. Ka jalo, o leka go bereka le mongwe le mongwe mo setlhopheng, a ba thusa mo dikarolong tse di farologaneng mo bodireding. Fa o fitlhela karolo nngwe ya bodiredi e le boima, jaaka go dira maeto a go boela, itsise molebedi wa gago wa thuto ya buka. Gongwe a ka rulaganya gore o bereke le mmoledi yo o nang le maitemogelo mo setlhopheng. Bokgoni jwa gago jwa go ruta mo dithutong tsa Baebele bo tla tokafala fa o ela tlhoko mekgwa e e molemo ya go ruta ya molebedi wa thuto ya buka fa a tshwere thuto ya buka.—1 Bakor. 4:17.
6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go solegelwa molemo ke thulaganyo ya thuto ya buka ka botlalo?
6 A bo Thuto ya Buka ya Phuthego e le thulaganyo e e lorato jang ne! Thulaganyo eno e e lorato e e tswang kwa go Jehofa e re thusa go nna re tlhomame semoyeng mo metlheng e e boima e re tshelang mo go yone.—Pes. 26:12.