Latela Sekao se se Tlhomilweng ke Jesu
1. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe?
1 Fa re nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa, re tshwanetse go nna re gakologetswe gore sekao sa rona se ka ama batho ba ba re lebileng ka tsela e e maatla. Jesu o ne a ruta ka mafoko le ka ditiro. Batho ba ba neng ba mo lebile ba ne ba kgona go bona tlhoafalo ya gagwe, tsela e a ratang batho ka yone, go batla go itshepisa leina la ga Rraagwe le go ikemisetsa ga gagwe go dira thato ya ga Rraagwe.—1 Pet. 2:21.
2. Sekao sa rona se ka ama ba ba berekang le rona mo bodireding ka ditsela dife?
2 Fa re Le mo Bodireding jwa Ntlo le Ntlo: Fela jaaka Jesu, sekao sa rona se tlhotlheletsa ba ba berekang le rona. Baboledi ba basha le ba se nang maitemogelo ba ba re bonang re nna le seabe ka tlhoafalo mo bodireding ba tla akanya ka seabe sa bone mo tirong ya go rera. Fa ba bona re itumetse e bile re kgatlhegela ba bangwe ka tsela ya mmatota, ba tla gakologelwa botlhokwa jwa go bontsha dinonofo tseno mo bodireding jwa bone. Fa ba lemoga gore re dirisa Dikwalo ka tlhoafalo, fa re dira maeto a go boela le fa re tshwere dithuto tsa Baebele, ba tla tlhotlheletsega go dira se se tshwanang.
3. Sekao sa rona se ka ruta diithuti tsa Baebele jang, mme di ka ithuta eng?
3 Fa re Tshwere Dithuto Tsa Baebele: Diithuti tsa rona tsa Baebele di tla ela tlhoko thata boitshwaro jwa rona. Ka sekai, le fa re ka ba tlhalosetsa botlhokwa jwa go baakanyetsa thuto, go lebelela ditemana le go thalela dintlha tsa konokono, ba tla lemoga gore a re baakanyeditse kgotsa ga re a baakanyetsa. (Bar. 2:21) Fa re fitlha ka nako fa re tlile go ithuta le bone, ga ba kitla ba letla gore ditiro tse dingwe di ba kgoreletse go ithuta Baebele. Ga go pelaelo gore ba tla lemoga le boikutlo jwa rona jwa go intsha setlhabelo go dira bodiredi le tumelo ya rona e e nonofileng. Ga go gakgamatse go bo diithuti tsa batho ba ba latelang sekao sa ga Jesu gaufiufi gantsi ba nna bareri ba ba tlhagafetseng, ba ba nang le matswela.
4. Fa re le mo dipokanong tsa phuthego, sekao sa rona se ruta ba bangwe eng?
4 Fa re Le mo Dipokanong Tsa Phuthego: Batho botlhe ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba na le seabe mo go ruteng ka sekao sa bone mo dipokanong tsa phuthego. Batho ba ba kgatlhegang ba ba simololang go nna gone mo dipokanong ba solegelwa molemo ke sekao se se molemo se ba se bonang mo phuthegong. Ba tla lemoga lorato lwa bakaulengwe, kutlwano ya Bokeresete, le go apara le go ipaakanya sentle. (Pes. 133:1) Ba tla lemoga le sekao sa rona sa go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa phuthego le go bolela ga rona tumelo ya rona phatlalatsa fa re le mo dipokanong. Moeti mongwe yo o neng a etetse dipokano tsa rona o ne a lemoga kafa mosetsanyana mongwe a neng a kgona go bona ka bonako temana e e umakilweng ka gone mo Baebeleng ya gagwe le kafa a neng a latela ka gone ka kelotlhoko fa go balwa. Sekao sa gagwe se ne sa mo tlhotlheletsa gore a kope go tshwarelwa thuto ya Baebele.
5. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlhaetsa matlho botlhokwa jwa sekao sa rona?
5 Dikwalo di re kgothaletsa go etsa sekao se se molemo sa ba bangwe. (Bafil. 3:17; Baheb. 13:7) Ka jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore fa re latela gaufiufi sekao se se tlhomilweng ke Jesu, ba bangwe ba tla se lemoga mme se ka ba tlhotlheletsa ka tsela e e molemo. Ka ntlha ya seno, e kete re ka reetsa mafoko a a mo go 1 Timotheo 4:16: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago.”