Lebokoso la Dipotso
◼ A “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ema nokeng ditlhopha tsa Basupi tse di kopanang mmogo go dira dipatlisiso kgotsa go ganetsana ka Dikwalo?—Math. 24:45, 47.
Nnyaa, ga a di eme nokeng. Mme le fa go ntse jalo, mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, batho ba le mmalwa ba phuthego ya rona ba tlhomile ditlhopha tsa go dira dipatlisiso ka bobone ka dikgang tse di amanang le Baebele. Bangwe ba itlhometse setlhopha sa go ithuta Sehebera le Segerika sa Baebele go sekaseka gore a Thanolo ya Lefatshe le Lesha e boammaaruri. Ba bangwe ba dira dipatlisiso ka dikgang tsa saense tse di amanang le Baebele. Ba dirile mafelo mo Internet ka boikaelelo jwa go refosana le go ganetsana le ba bangwe ka dikgopolo tsa bone. Gape ba tshwara dikhonferense le go gatisa dibuka go bontsha se ba se fitlheletseng le go oketsa se re se newang kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete le ka dibuka tsa rona.
Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ga Jehofa ba amogela thuto e e lekaneng ya semoya le kgothatso kwa dipokanong tsa phuthego, dikopano tse dinnye le tse dikgolo, le ka dikgatiso tsa phuthego ya ga Jehofa. Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo le Lefoko la gagwe la boammaaruri go abela batho botlhe ba gagwe se ba se tlhokang gore ba “nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya” le go nna ba ‘tsepame mo tumelong.’ (1 Bakor. 1:10; Bakol. 2:6, 7) Ruri re lebogela dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa semoya mo metlheng eno ya bofelo. Ka jalo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ga a eme nokeng dibuka dipe, dipokano kgotsa mafelo a Internet a a sa dirwang kgotsa go rulaganngwa ke ene.—Math. 24:45-47.
Ke selo se se molemo fa batho ba batla go dirisa bokgoni jwa bone jwa go akanya go ema dikgang tse di molemo nokeng. Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o tshwanetseng go itirela dithulaganyo tsa gagwe ka namana tse di kgoreletsang se Jesu Keresete a kgonang go se fitlhelela ka phuthego ya gagwe mo lefatsheng gompieno. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa kaga go tlotla ka dikgang tse di lapisang, tse di senyang nako, tse di jaaka “dipolelo tsa tlhatlhamano ya masika, tse di felelang e se sepe, mme e le tse di tsosang dipotso tse di tlhokang go batlisisiwa go na le gore Modimo a abe sengwe ka ga tumelo.” (1 Tim. 1:3-7) Bakeresete botlhe ba tshwanetse go leka ka natla go ‘tshaba dipotso tsa boeleele le dipolelo tsa tlhatlhamano ya masika le kgogakgogano le dintwa tse di ka ga Molao, gonne ga di na poelo e bile ga di na mosola.’—Tito 3:9.
Ba ba batlang go ithuta Baebele le go dira dipatlisiso tse di oketsegileng, re ba kgothaletsa gore ba sekaseke Insight on the Scriptures, “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” le dikgatiso tse dingwe tsa rona, tse di jaaka tse di tlotlang ka boporofeti jo bo mo dibukeng tsa Baebele tsa Daniele, Isaia le Tshenolo. Dikgatiso tseno di na le dintlha tse dintsi tsa go ithuta Baebele le go tlhatlhanya, tse ka tsone re ka ‘tladiwang ka kitso ya boammaaruri ya thato ya Modimo ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, gore re tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore re mo itumedise ka botlalo jaaka re tswelela re ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile re oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.’—Bakol. 1:9, 10.