LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/99 ts. 3-6
  • Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Internet ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Nka Tila Jang Dikotsi Tsa Internet?
    Tsogang!—2000
  • Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Dira
    Tsogang!—2008
  • A go Intsha le Motho o Dirisa Internet go ka Nna Kotsi Tota?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 11/99 ts. 3-6

Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!

1 Batho ba ga Jehofa ba itumelela botsalano jo bo molemo le ba bangwe. Ba itumelela go bolelelana maitemogelo a kwa tshimong e bile ba anaanela go utlwa ka dilo tse di amang Basupi ba ga Jehofa le tiro ya Bogosi lefatshe ka bophara. Ba rata go itsisewe ka sengwe le sengwe se se tlhomologileng se se ka tswang se diragalela bakaulengwe ba rona, se se tshwanang le kotsi kana masetlapelo a tlholego, e bile ba batla go itse gore a go na le sengwe se ba ka se dirang go thusa. Go kgatlhegela dilo tseno go bontsha gore jaaka bakaulengwe re seoposengwe, go bontsha gore eleruri re a ratana.—Joh. 13:34, 35.

2 Gompieno re utlwa ka bonako ka ditiragalo tsa lefatshe. Radio le thelebishene di kgona go gasetsa batho mo lefatsheng lotlhe dilo tse di diregang ka nako e di diregang ka yone. Thelefouno le yone e dira gore go kgonege go buisana le batho mo lefatsheng lotlhe ka yone nako eo. Selo se sengwe sa bosheng sa puisano se se simololang go gapa maikutlo a lefatshe ke Internet.—Bona Tsogang!, ya July 22, 1997, (ka Seesemane).

3 Go tlhamiwa ga thelefouno go buletse batho tsela ya go buisana le ba bangwe mo lefatsheng lotlhe ka bonako. Le mororo thelefouno e thusa, motho o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o e dirisa jang, ka gonne e ka nna selo se se dirisetswang go tsalana le batho ba ba sa tshwanelang kana go dira dilo tse di sa tshwanelang, mme go dirisa thelefouno ka tsela e e feteletseng go ka go jela madi. Thelebishene le radio di kgona go ruta. Le fa go ntse jalo, se se swabisang ke gore bontsi jwa dithulaganyo tsa teng di senya boitshwaro jwa batho, mme go tlhoma mogopolo thata mo go tsone ke go senya nako. Botlhale bo re tlhoka go nna kelotlhoko thata fa re dirisa thelebishene le radio.

4 Internet e kgontsha motho go buisana le dimilionemilione tsa batho ba bangwe lefatshe ka bophara kwantle ga go duela madi a mantsi, e bile e kgona go go bulela tshedimosetso e ntsintsi. (Tsogang!, January 8, 1998) Le fa go ntse jalo, go se nne kelotlhoko fa o dirisa Internet go ka tsenya motho mo kotsing e kgolo ya semoya le ya boitshwaro. Seno se ka direga jang?

5 Batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka tshedimosetso e e bonwang motlhofo fela e e bontshang kafa go ka dirwang dibetsa ka gone, go akaretsa le dibomo. Madirelo a ngongorega ka nako e badiri ba e senyang ba dirisa Internet. Go ile ga buiwa go le gontsi mo dibukeng tsa rona ka dikotsi tse di bonalang sentle tsa semoya mo Internet. Diaterese di le mmalwa tsa Web di bontsha bothubaki le dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse di sa siamelang Bakeresete gotlhelele. (Pes. 119:37) Mo godimo ga dikotsi tseno, go na le kotsi e nngwe e e bofitlha thata e Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go ikela tlhoko thata mo go yone. Kotsi eno ke efe?

6 A o ne o ka tsenya moeng mo ntlong ya gago kwantle ga gore o batle go itse pele gore ke mang? Go tweng fa go se na tsela e o ka itseng ka yone? A o ne o ka letla moeng yono gore a nne a le esi le bana ba gago? Seo ke se se diregang ka Internet.

7 O ka kgona go romela melaetsa ka khomputara le go e amogela go tswa kwa bathong ba o sa ba itseng. Go direga se se tshwanang le fa o tshwere motlotlo le ba bangwe ka khomputara. Ka dinako tse dingwe batho ba o buisanang le bone ba ka go bolelela gore ke Basupi ba ga Jehofa, mme gantsi e bo e se bone. Motho a ka go bolelela gore ke mosha mme tota e se ene. Kana motho a ka nna a bo a go bolelela gore ke wa bong jo bo rileng mme go sa nna jalo.

8 Tshedimosetso e e tlang mo go wena e ka nna ya tla e le maitemogelo kana e le dikakgelo fela malebana le ditumelo tsa rona. Tshedimosetso eno e fetisetswa kwa bathong ba bangwe, ba le bone ba e fetisetsang kwa go ba bangwe. Gantsi tshedimosetso eo ga e tlhomamisege mme e ka nna ya bo e se boammaaruri. Dikakgelo tseno e ka nna ya bo e le tsela e go phasalatswang ka yone dikgopolo tsa botenegi.—2 Bathes. 2:1-3.

9 O akantse ka kotsi eno, fa o dirisa Internet, ipotse jaana: ‘Ke e dirisetsang? A go ka direga gore ke gobale semoyeng ka tsela e ke e dirisang ka yone? A nka tswa ke na le seabe mo go gobatseng ba bangwe semoyeng?’

10 Diaterese Tsa Web Tsa “Basupi ba ga Jehofa”: Ka sekai, akanya ka diaterese dingwe tsa Internet tse di tlhomilweng ke batho bangwe ba ba ipolelang gore ke Basupi ba ga Jehofa. Ba go laletsa gore o bule aterese ya bone gore o bale maitemogelo a a kwadilweng ke ba bangwe ba ba ipolelang gore ke Basupi. O kgothalediwa gore o tlhalose megopolo ya gago le dipono tsa gago ka dibuka tsa Mokgatlho. Ba bangwe ba ntsha dikakantsho ka ga ditsela tse di ka dirisiwang go buisana le batho mo tshimong. Diaterese tseno di go naya gore o kgone go tshwara motlotlo le ba bangwe, di dira gore o kgone go buisana le bone ka nako eo ka khomputara, jaaka e kete o bua ka thelefouno. Gantsi ba go umakela diaterese tse dingwe tse o ka golaganang le Basupi ba bangwe ba ga Jehofa mo go tsone mo lefatsheng lotlhe. Mme gone o tlhomamisegile go le kana kang gore diaterese tseno ga se tsa batenegi?

11 Go tsalana le ba bangwe jalo o dirisa Internet go ka nna ga bo go sa tsamaisane le kgakololo e e fitlhelwang mo go Baefeso 5:15-17. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng, ka gonne malatsi a boikepo. Ka lebaka leno kgaotsang go nna ba ba seng kakanyetso, mme tswelelang lo lemoge se e leng thato ya ga Jehofa.”

12 Phuthego ya Bokeresete ke thulaganyo ya puso ya Modimo e re fepiwang ka yone semoyeng ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Math. 24:45-47) Mo phuthegong ya Modimo, re kaelwa le go sirelediwa gore re nne re lomologane le lefatshe leno e bile re tlhotlhelediwa go nna re tshwaregile mo tirong ya Morena. (1 Bakor. 15:58) Mopesalema o ne a bontsha gore o a itumela e bile o ikutlwa a sireletsegile fa a le mo gare ga phuthego ya Modimo. (Pes. 27:4, 5; 55:14; 122:1) Gape phuthego e tshegetsa ba ba mo go yone semoyeng le go ba thusa. Mo go yone o ka bona setlhopha sa ditsala tse di lorato, tse di amegang ka wena le tse di go kgathalelang—batho ba o ba itseng ka namana ba ba iketleeditseng e bile ba rata go thusa le go gomotsa ba bangwe ka dinako tsa tlalelo. (2 Bakor. 7:5-7) Maloko a phuthego a sireleditswe ke thulaganyo ya Dikwalo ya go kgaola batho ba ba leofang mme ba sa ikwatlhae kana ba ba buelelang dikakanyo tsa botenegi. (1 Bakor. 5:9-13; Tito 3:10, 11) A re ka lebelela go bona dithulaganyo tse di tshwanang le tseno tse di lorato fa re itsalanya le batho ba bangwe ka Internet?

13 Go a bonala gore ga go a nna jalo. Go phepafetse gore diaterese dingwe tsa Web di dirisetswa fela go phasalatsa dipuo tsa lefela tsa batenegi. Diaterese tse di ntseng jalo tsa Web di ka nna tsa bolela gore ga di a nna jalo, mme batho ba ba tshegetsang aterese eo ba ka nna ba go naya dintlha tse di feletseng tse di go tlhomamisetsang gore eleruri ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ka nna ba bo ba go kopa tshedimosetso nngwe gore ba tlhomamise gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

14 Jehofa o batla gore o dirise temogo. Ka ntlha yang? Ka gonne o a itse gore e tla go sireletsa mo dikotsing tse di farologaneng. Diane 2:10-19 e simolola ka go bolela jaana: “Botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago; tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, tlhaloganyo [“temogo,” NW] e tlaa go boloka.” E go boloka mo go eng? Mo dilong tse di tshwanang le ‘tsela e e bosula,’ mo go ba ba tlogelang ditsela tsa thokgamo, le mo bathong ba boitshwaro jo bo sa siamang le ba ba bolotsana mo ditseleng tsa bone.

15 Fa re ya kwa Holong ya Bogosi, ga go na pelaelo gore re tla bo re na le bakaulengwe ba rona. Re a ba itse. Ga go na ope yo o tlhokang go tlhomamisetswa seno ka gonne lorato lwa bokaulengwe lo re lo bonang moo lo dira gore seno se bonale sentle. Ga go tlhokege gore rona ka borona re ntshe bosupi jwa gore ruri re Basupi ba ga Jehofa. Ke gone mono mo re kgonang go kgothatsana eleruri, jaaka fa Paulo a bolela mo go Bahebera 10:24, 25. Ga re ka ke ra ikanya diaterese tsa Web tse di kgothaletsang go tsalana le batho ka khomputara gore di re neye seno. Go gakologelwa mafoko a a mo go Pesalema 26:4, 5 go ka re thusa gore re ele tlhoko dikotsi tse re ka kopanang le tsone motlhofo fa re dirisa diaterese tsa Web mo Internet.

16 Batho ba ba nang le Internet kana ba ba kgonang go e dirisa ga ba a beelwa melelwane kana dithibelo tsa gore ba bone tshedimosetso efe. Gantsi bana le basha e nna bone batho ba go leng motlhofo go ba bontsha bokebekwa le go ba jabetsa mo go yone. Bana ba rata go tshepa batho, ba rata go itse dilo, e bile ba rata go batlisisa dilo mo sedirisiweng seno se sesha sa mafaratlhatlha a dikhomputara. Ka gone batsadi ba tshwanetse go ela bana ba bone tlhoko ba ba neye kaelo e e tshwanetseng ya Dikwalo malebana le go dirisa Internet, fela jaaka ba ne ba tla ba kaela mo go tlhopheng mmino kana dibaesekopo.—1 Bakor. 15:33.

17 Ka maswabi, bangwe ba e kileng ya bo e le bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba ile ba tshwanelwa ke go kgaolwa ka ntlha ya botsala jo bo simolotseng ka go kopana le batho ba lefatshe ka go tshwara motlotlo le bone ka khomputara mo Internet mme labofelo ba feleletsa ba wetse mo boitshwarong jo bo sa siamang. Bagolwane bangwe ba ile ba re kwalela ba garotswe pelo ke gore bangwe ba ile ba bo ba tlogela banna ba bone kana basadi ba bone go ya go nna le motho yo ba simolotseng go ratana le ene mo Internet. (2 Tim. 3:6) Batho ba bangwe ba ne ba latola boammaaruri ka ntlha ya go dumela tshedimosetso e ba e neilweng ke batenegi. (1 Tim. 4:1, 2) Fa o akanya ka dikotsi tseno tse di masisi, a ga go bonale go le botlhale go nna kelotlhoko kaga go tshwara motlotlo le batho ba bangwe mo Internet? Ee, go dirisa botlhale, kitso, tlhalemaleje le temogo tse go buiwang ka tsone mo go Diane 2:10-19 go tshwanetse ga re sireletsa mo go seno.

18 Go etswe tlhoko gore go na le batho ba le mmalwa ba ba ileng ba dira diaterese tsa Web ka boikaelelo jwa gore ba rera dikgang tse di molemo. Dingwe tsa diaterese tseno di tshegetswa ke bakaulengwe ba ba seng botlhale. Diaterese dingwe di ka nna tsa bo di tshegetswa ke batenegi ba ba batlang go raela batho ba ba sa belaeleng sepe. (2 Joh. 9-11) Fa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1997, tsebe 3, e ne e tlhalosa gore a go a tlhokega gore bakaulengwe ba rona ba bule diaterese tse di ntseng jalo tsa Web, e ne ya bolela jaana: “Ga go tlhokege gore ope a rulaganye tshedimosetso epe e e amanang le Basupi ba ga Jehofa, tiro ya rona kana dilo tse re di dumelang gore a e tsenye mo Internet. Aterese eno ya rona e e kwadisitsweng kafa molaong [www.watchtower.org] e tshotse tshedimosetso e e boammaaruri e e ka bonwang ke mongwe le mongwe yo o e batlang.”

19 A ke Dilo Tse di Thusang go Ithuta mo Internet? Bangwe ba nnile le maikutlo a gore ba thusa bakaulengwe ka go tsenya tshedimosetso e ba e batlisisitseng e e malebana le ditiro tse di farologaneng tsa puso ya Modimo. Ka sekai, motho a ka nna a dira dipatlisiso ka aotlelaene nngwe ya puo ya phatlalatsa a bo a e tsenya mo atereseng, a akanya gore tshedimosetso eo e tla thusa ba ba tlhokang go baakanyetsa yone aotlelaene eo. Ba bangwe ba tla tsenya ditemana tsotlhe tsa Thuto ya Tora ya Tebelo e e latelang kana ba ntshe dintlha tse di tlileng go tlotlwa mo Sekolong sa Puso ya Modimo kana mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Ba bangwe ba ka nna ba ntsha dikakantsho tsa gore go buiwe jang le batho mo tirelong ya tshimo. A dilo tseo di a thusa tota?

20 Dikgatiso tse phuthego ya ga Jehofa e re nayang tsone di tlhotlheletsa megopolo ya rona ka dikakanyo tse di agang mme di re thapisa gore re kgone go “farologanya se se siameng le se se phoso.” (Baheb. 5:14) A re ka bua ra re re kgona go dira seno fa ba bangwe ba re direla dipatlisiso?

21 Baberea go ne go buiwa ka bone e le batho ba ba ‘nang le mogopolo o o tsalegileng bogolo go gaisa ba ba kwa Thesalonika.’ Ka ntlha yang? Ka “gonne ba ne ba amogela lefoko ka phisego e kgolo thata ya mogopolo, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Dit. 17:11) Le mororo Paulo le Silase ba ne ba ba rerela, ba ne ba ka se ka ba dira gore boammaaruri e nne jwa bone fa ba ne ba sa dire sepe bone ka bobone.

22 Go dirisa patlisiso e e dirilweng ke motho yo mongwe mo puong kana fa o baakanyetsa dipokano tse dingwe tota go dira gore go ithuta ga gago ka namana go se ka ga fitlhelela boikaelelo jwa gone. A ga se keletso ya gago go aga tumelo ya gago ka namana mo Lefokong la Modimo? O dirisa tumelo eno ya gago, o ka kgona go bolela phatlalatsa tumelo ya gago—mo dipuong tsa gago, fa o arabela kwa dipokanong, le mo bodireding jwa tshimo. (Bar. 10:10) Go dirisa patlisiso ya motho yo mongwe ga go tshwanele tlhaloso e e mo go Diane 2:4, 5 ya gore wena ka bowena ‘o nne o batle kitso ya Modimo jaaka fa o batla dikhumo tse di subegileng.’

23 Ka sekai, fa o leba ditemana mo Baebeleng ya gago ka namana, o ka kgona go sekaseka dintlha tse di dikologileng temana eo ka bokhutshwane. O ka kgona go ‘latedisisa dilo tsotlhe ka tlhomamo,’ jaaka fa go ne ga dira Luke fa a ne a kwala Efangele ya gagwe. (Luke 1:3) Go tsaya matsapa ka tsela eno go tla go thusa gape gore o nne setswerere fa o batla ditemana mo bodireding le fa o neela dipuo. Batho ba le bantsi ba ile ba bolela gore ba kgatlhwa ke Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba itse go dirisa Baebele. Tsela e le yosi fela e re ka kgonang go dira jalo ka yone ke fa re itlwaetsa gore rona ka borona re lebe ditemana mo Dibaebeleng tsa rona.

24 Go Dirisa Nako ya Rona ka Botlhale: Selo se sengwe se se tshwanetseng go akanyediwa mo ntlheng eno ke nako e e senngwang go kwalwa, go balwa, go bo go arabiwa tshedimosetso e e mo Internet. Pesalema 90:12 e re kgothaletsa go rapela jaana: “Jalo o re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.” Paulo o ne a bolela jaana: “Nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bakor. 7:29) Mo godimo ga moo: “Ruri he, fa fela re santse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagal. 6:10.

25 Kgakololo e e tshwanang le eno e gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng gore re nne botlhale mo tseleng e re dirisang nako ya rona ka yone. A bo go ka nna molemo jang ne gore re fetse nako re bala Lefoko la Modimo! (Pes. 1:1, 2) Ke selo se se molemolemo se re ka itlwaelanyang naso. (2 Tim. 3:16, 17) Batsadi, a lo ruta bana ba lona botlhokwa jwa go dirisa nako ya bone ka botlhale mo go batleng dilo tsa Bogosi? (Mor. 12:1) Nako e e dirisediwang go ithuta Baebele ka namana le mo go e ithuteng lo le lelapa, mo go nneng gone kwa dipokanong, le mo tirelong ya tshimo e botlhokwa thata go gaisa nako e batho ba e senyang ba tlhola Internet, ba lebeletse go bona melemo mengwe.

26 Mo ntlheng eno, go botlhale go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya le mo dilong tse di maleba le tse di botlhokwa mo matshelong a rona Bakeresete. Seno se re tlhoka gore re dire tlhopho e e akanyeditsweng sentle malebana le tshedimosetso e re tshwanelang go dirisa nako ya rona le mogopolo mo go yone. Mo go rona Bakeresete, selo se se maleba mo matshelong a rona se sobokantswe ke Keresete, yo o neng a bolela jaana: “Jalo, nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Math. 6:33) A ga o itumele thata fa botshelo jwa gago bo tletse ka dilo tsa Bogosi go na le go tlala ka ditiro tse dingwe?

27 E-Mail ya Internet: Le mororo go ka tswa go siame go bolelela ba losika kana ditsala tse di nnang kgakala le wena ka maitemogelo a gago kana dikgopolo tsa gago, a tota go bontsha lorato go di fetisetsa kwa bathong ba bangwe ba ba ka nnang ba bo ba sa itse ba losika lwa gago kana ditsala tsa gago? Kana a go siame gore di bewe mo atereseng ya Web gore mongwe le mongwe a di bale? A go siame gore melaetsa eno ya gago e kwalololwe le go romelelwa batho bangwe le bangwe fela ba o ka tswang o ba itse kana o sa ba itse? Ka mo go tshwanang, fa o amogela melaetsa mo bathong ba bangwe e tota e neng e sa romelelwa wena, a ke go bontsha lorato go e fetisetsa kwa go ba bangwe?

28 Go tweng fa e le gore boitemogelo jo o bo fetisetsang kwa mothong yo mongwe ga bo boammaaruri? A seno e tla bo e se go nna le seabe mo go anamiseng maaka? (Dia. 12:19; 21:28; 30:8; Bakol. 3:9) Ee, go nna re “tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa [re] tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale” go tla dira gore re akanyetse seno. (Baef. 5:15) A bo re itumela thata jang ne gore Yearbook, Tora ya Tebelo, le Tsogang! di tletse ka maitemogelo a a boammaaruri a a re kgothatsang e bile a re tlhotlheletsa go nna re tsamaya mo ‘tseleng’!—Isa. 30:20, 21.

29 Go na le kotsi e nngwe gape. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana ka bangwe: “Gape ba ithuta go nna ba sa dire sepe, ba kgabatlolega le matlo; ee, e se fela gore ga ba dire sepe, mme gape e le basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe, ba bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” (1 Tim. 5:13) Seno se bontsha fela gore ga re a tshwanela go senya nako le go tsaya matsapa re fetisetsa tshedimosetso e e seng botlhokwa kwa bakaulengweng ba rona.

30 Gape akanya fela gore go ja nako e kana kang go bala melaetsa yotlhe e mentsintsi ya E-mail. Se se kgatlhang ke gore buka ya Data Smog e ne ya bolela jaana: “Fa motho a senya nako e ntsintsi a le mo khomputareng, ka bonako fela e-mail e fetoga go se tlhole e le selonyana se se kgatlhang mme e nna mokgweleo o o jang nako, ka o na le melaetsa e mentsintsi e o tshwanetseng go e bala le go e araba letsatsi le letsatsi e e tswang kwa badiringkawena, ditsala, le ba losika, . . . le babapatsi ba tsa kgwebo ba o sa ba laletsang.” Mo godimo ga moo, e bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba ba ratang go bala melaetsa eno ya khomputara ba itlwaeditse mokgwa o o maswe thata wa go fetisetsa tshedimosetso nngwe le nngwe e e kgatlhang e ba e amogelang—metlae, ditlhamane, makwalo a khomputara a beng ba one ba tshwanelwang ke go a fetisetsa kwa go ba bangwe, le tse dingwe tse dintsi—kwa go mongwe le mongwe yo o mo bukeng ya bone ya diaterese tsa khomputara.”

31 Seno se ile sa bonala mo makwalong a E-mail ao a ileng a nna a fitlha mo go ba le bantsi ba bakaulengwe—dilo tse di tshwanang le metlae kana dikgang tse di tshegisang ka bodiredi; maboko a go tsewang gore a theilwe mo ditumelong tsa rona; dipapiso tsa dipuo tse di farologaneng tse di utlwilweng kwa dikopanong, kana kwa Holong ya Bogosi; maitemogelo a mo tirelong ya tshimo; le tse dingwe—dilo tse go sa bonaleng go na le molato ope ka tsone. Ba le bantsi ba itlwaeditse go fetisetsa melaetsa eno ya E-mail kwa bathong ba bangwe kwantle ga go leba gore e tswa kae, e leng selo se se dirang gore go nne thata go itse gore tota e simolotswe ke mang, mme seo se tshwanetse sa dira gore motho a ipotse gore a tshedimosetso eo e boammaaruri.—Dia. 22:20, 21.

32 Melaetsa eno e gantsi e seng botlhokwa le eseng, ga se mofuta wa mafoko a a itekanedisang a Paulo a neng a akantse ka one fa a ne a kwalela Timotheo, a re: “Nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanedisang a o neng wa a utlwa mo go nna ka tumelo le lorato tse di malebang le Keresete Jesu.” (2 Tim. 1:13) “Puo e e itshekileng” ya boammaaruri jwa Dikwalo e na le “sekao sa mafoko a a itekanedisang” se se theilweng thata mo setlhogong sa Baebele sa go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka Bogosi. (Sefa. 3:9) Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisa nako yotlhe ya rona le maikatlapelo go tshegetsa go tlotlomadiwa gono ga bolaodi jwa ga Jehofa.

33 E re ka re tseneletse kwa tengteng mo motlheng wa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, eno ga se nako ya go repisa letsogo. Baebele e re tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e senkang go kometsa mongwe.” (1 Pet. 5:8) Mo godimo ga moo e bolela jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.”—Baef. 6:11.

34 Fa Internet e sa dirisiwe sentle, e ka nna selo se Satane a se dirisang go fekeetsa ba ba tsieditsweng ke maatla a yone. Le fa e ka tswa e na le molemo mongwe, e kotsi fa e sa lejwe ka kelotlhoko. Segolobogolo batsadi ba tshwanetse go tshwenyega ka tsela e bana ba bone ba dirisang Internet ka yone.

35 Go leba Internet ka tsela e e lekalekaneng go a sireletsa. Re anaanela kgakololo e e tshwanelang e Paulo a re neelang yone: “A . . . ba ba dirisang lefatshe [ba nne] jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo; gonne seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakor. 7:29-31) Go nna re akantse ka dilo tseno go tla re thusa gore rona le malapa a rona re se ka ra itewa tsebe ke dilo tsotlhe tse lefatshe leno le re nayang tsone, go akaretsa le se se mo Internet.

36 Go botlhokwa gore re nne re le gaufi thata le bakaulengwe ba rona mo phuthegong mme re dirise nako e e setseng ka botlhale, ka go dira jalo re dira gore re kgone go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Jaaka fa tsamaiso eno e ela go fela, a re ‘se ka ra tlhola re tswelela re tsamaya fela jaaka merafe le yone e tsamaya mo bosenangpoelo jwa megopolo ya yone,’ mme a re ‘tsweleleng re lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.’—Baef. 4:17; 5:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela