Re Tshwanetse go Ipoloka re Tlhagafetse mo Bodireding
1 Fa e sa le go tloga ka 1992, ngwaga le ngwaga Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dirisa diura tse di fetang bilione ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. A bo re itumela jang go bo re ile ra nna le seabe mo tirong eo e kgolo!—Math. 28:19, 20.
2 Ke boammaaruri gore, Jehofa ke ene yo o tshwanelwang ke go lebogwa le go bakwa ka gonne a ile a re ema nokeng mo bodireding jwa rona mo ‘dinakong tseno tsa mathata.’ (2 Tim. 3:1) Ke eng se re ka se dirang go tswelela pele re nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong eno e e botlhokwa?
3 Mabaka a go Tlhagafala: Lorato lo logolo lo re ratang Modimo ka lone le moagelani le keletso e kgolo e re nang le yone ya go tshelela boineelo jwa rona ke tsone dilo tse di re tlhotlheletsang mo tirelong ya rona ya Bogosi. (Math. 22:37-39; 1 Joh. 5:3) Lorato lo re tlhotlheletsa go ithontsha dilo dingwe gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera.—Luke 9:23.
4 Dira ka Natla go Ipoloka o Tlhagafetse: Mmaba wa rona Diabolo o leka ka bojotlhe go re dira gore re se ka ra tlhoafala mo bodireding. Dingwe tsa dilo tse a di dirisang go re kgoba marapo ke go se kgatlhege ga batho mo tshimong, dikgoreletsi tsa lefatshe leno, mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo le go tshwenyega thata ka botsogo jwa rona jo bo ntseng bo koafalela pele.
5 Ka gone, re tshwanetse go dira ka natla gore re ipoloke re tlhagafetse. Go botlhokwa gore re godise ‘lorato lo re neng re na le lone pele.’ Seo se akaretsa go bala Lefoko la Modimo, Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka lone, le go dirisa ka botlalo dithulaganyo tsotlhe tsa semoya tse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a re diretseng tsone.—Tshen. 2:4; Math. 24:45; Pes. 119:97.
6 Boporofeti jwa Baebele bo bontsha sentle gore letsatsi la ga Jehofa la go nyeletsa batho ba ba bosula le ntse le atamela ka bofefo. (2 Pet. 2:3; 3:10) Fa re ntse re akantse ka seo, a re direng ka natla go ipoloka re tlhagafetse mo bodireding re nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e tsweletseng pele mo lefatsheng lotlhe ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa!