Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri.
◼ E re ka March e na le mafelobeke a le matlhano, e tla nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go sekaseka tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape ba ba nang le bothata jwa go fitlhelela diura tse di lebeletsweng mo go bone, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore ba thusiwe.
◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya paka ya Segopotso sa 2008 e tla nna le setlhogo se se reng “Ke Mang yo o Tshwanelegang go Busa Batho?” Bona kitsiso e e tshwanang le eno mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2007.
◼ Jaaka Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 2007 e bontshitse, jaanong diphuthego di ka simolola go otara Watchtower Library—2007 (cdly07). Kwantle ga go akaretsa dikgatiso tse disha tse di golotsweng ka 2007, Watchtower Library—2007 e theile mo Watchtower Reader ka gone mo go eno ga go a akarediwa Watchtower Reader. Thulaganyo eno e ntšha e motlhofo, go na le dilo tse disha tse o tla di itumelelang mo go yone le tse di tla dirang gore go ithuta ga gago go nne le matswela. Fa o tsenya thulaganyo eno e ntšha ya laeborari, o tla kopiwa go printa setlankana se sekhutshwane se o ka se dirisang go itlwaelanya le thulaganyo eno e ntšha le dilo tse disha tse di mo go yone. Go tsenya Watchtower Library—2007, o tla tshwanelwa ke go dirisa khomputara e e nang le Microsoft Windows 2000, XP, kgotsa Vista.
◼ Diphuthego tsotlhe tse di amogelang Tirelo ya Rona ya Bogosi ka Sevenda di tla romelelwa boroutšhara jwa “All Scripture”—Authentic and Beneficial—2008 (bsi08-Karolo 1 le 2) ka Sevenda. Go tla romelwa pele Karolo 1 mme Karolo 2 yone e tla romelwa moragonyana.