Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka February 25, 2008. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya January 7 go ya go February 25, 2008. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso go bona dikarabo.—Bona buka ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Re tlhoka go dira eng gore re thuse bareetsi ba rona go tlhaloganya bokao jwa ditemana, mme ke eng fa re tshwanetse go dira seno? [be-TN ts. 228 ser. 2-3]
2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re dire gore dipuisano tsa rona di rute bareetsi ba rona, mme re ka dira seno jang? [be-TN ts. 230 ser. 3-5, lebokose]
3. Go dira dipatlisiso go ka dira gore dipuo tsa rona di rute sentle ka ditsela dife? [be-TN ts. 231 ser. 1-3]
4. Re ka dira eng gore tsela e re dirisang ditemana tse bareetsi ba rona ba di itseng e nne e e rutang sentle? [be-TN ts. 231 ser. 4-5]
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ntsha mabaka ka ditemana tse re di balang? [be-TN ts. 232 ser. 3-4]
PUO NO. 1
6. Ke eng se se bontshang gore buka ya Mathaio e kwadilwe go akantswe segolobogolo ka Bajuda? [si-TN ts. 176 ser. 6-7]
7. Re ka baakanya dipelo tsa rona jang go amogela kaelo ya Modimo e re e newang ke sebui? (2 Ditir. 20:33) [be-TN ts. 13 ser. 4–ts. 14 ser. 4]
8. Batsadi ba ka dira eng go thapisa bana ba bone go ‘tlhalefa gore ba bone poloko’? (2 Tim. 3:15) [be-TN ts. 16 ser. 3-4]
9. Efangele ya ga Mathaio e gatelela jang go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele? [si-TN ts. 181 ser. 32]
10. Le fa Efangele ya ga Mathaio e tlhalosa Jesu e le Mesia yo o solofeditsweng le Kgosi, Efangele ya ga Mareko e mo tlhalosa jang? [si-TN ts. 182 ser. 7-8]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. A go galefa go masisi thata go na le go tswelela o galefile? (Math. 5:21, 22) [w08-TN 1/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mathaio”]
12. Bakeresete ba ipoloka jang ba na le ‘leitlho le le sa raraanang’? (Math. 6:22, 23) [w06-TN 10/1 ts. 29]
13. Jesu o ne a gatelela ntlha efe fa a ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “A lo tlhalogantse dilo tseno tsotlhe?” (Math. 13:51, 52) [w08-TN 1/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mathaio”]
14. Ke ka ntlha yang fa gantsi Jesu a ne a laela ba a neng a ba fodisitse “gore ba se ka ba dira gore a bonatshege”? (Math. 12:16) [w87-TN 5/15 ts. 9; cl-TN ts. 93-4]
15. Jesu o ne a bolela eng malebana le “selekanyo” se motho a ‘lekanyang ka sone’? (Mar. 4:24, 25) [w80-TN 12/1 ts. 16 (w80 6/15 ts. 12); gt-TN kgao. 43]