LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/08 ts. 8
  • Bosupi Jwa Tumelo e e Nonofileng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bosupi Jwa Tumelo e e Nonofileng!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • “Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Lefatshe le ya Bokhutlong?
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 2/08 ts. 8

Bosupi Jwa Tumelo e e Nonofileng!

1. Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo dife tse di sa itumediseng?

1 Baaposetoloi ba ne ba reeditse Jesu ka tlhoafalo fa a bua ka go nna gone ga gagwe le ka bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Batho ba ne ba tla diragalelwa ke dilo tse di sa itumediseng—dintwa, tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo. Go tswa foo, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ne ba tla ilwa, ba bogisiwa le go bolawa. Go ne go tla nna le baporofeti ba maaka ba ba neng ba tla tsietsa batho ba le bantsi. Lorato lwa ba le bantsi lo ne lo tla tsidifala.

2. Ke eng fa go gakgamatsa go bo dikgang tse di molemo di rerwa mo lefatsheng lotlhe?

2 Morago ga go utlwa seo, baaposetoloi ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamala fa Jesu a ba bolelela gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Math. 24:3-14) Gompieno re bona boporofeti joo jo bo kgatlhang bo diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang. Le fa re tshela mo nakong e e thata, Basupi ba ga Jehofa ba bolela dikgang tse di molemo ka tlhagafalo. Fa lorato lwa lefatshe lo ntse lo tsidifala, lwa rona lo tuka le go feta. Le fa re ilwa ke “ditšhaba tsotlhe,” re rera mo e ka nnang mo ditšhabeng tsotlhe.

3. Ke dipalo dife tse di kgothatsang tse o di bonang mo Pegong ya Lefatshe Lotlhe?

3 A bo go kgothatsa jang go sekaseka tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirileng mo ngwageng o o fetileng wa tirelo e e tlhagang mo tšhateng e e mo tsebeng ya 3 go ya go ya 6! E setse e le dingwaga tse 16 jaanong go begwa diura tse di fetang bilione mo tirong ya go rera le go dira barutwa. A bosupi jwa tumelo e e nonofileng ruri! Go nnile le koketsego ya diperesente di le 8,7 mo palong ya babulatsela, ya diperesente di le 3,1 mo palong ya baboledi le ya diperesente di le 4,4 mo palong ya dithuto tsa Baebele. Batho ba ba kolobeditsweng ba ne ba oketsega ka diperesente di le 20,1 go feta mo ngwageng o o fetileng wa tirelo. A bo go itumedisa jang go bona batho ba ba batlang ba tshwara dimilione di le supa ba direla Jehofa ka boikanyegi—ba gone jaanong ba leng bantsi go feta nako epe fela mo hisitoring! Fa o ntse o sekaseka tšhate eno, ke eng se o bonang se go kgothatsa thata mo go yone?

4. Monna mongwe o ne a fenya mathata afe fa a ntse a ipaakanyetsa go kolobediwa?

4 Le fa dipalo tseno di kgatlha, ga re a tshwanela go lebala gore tota dipalo tseno ke batho ba ba bontshitseng fa tumelo ya bone e nonofile. Akanya ka sekai seno. Guillermo o goletse kwa Bolivia. O tshotswe ka 1935 mme o simolotse go bereka mo masimong a coca a le dingwaga di le robonngwe. Go tloga a sa le monnye o ne a tšhotlha matlhare a coca go itebatsa mahutsana a tiro e e boima. Moragonyana o ne a nwa bojalwa bobe e bile a goga motsoko. Fa Guillermo a simolola go ithuta gore Jehofa o batla gore a dire eng, o ne a kgaotsa go goga mme go tswa foo a tlogela go nwa bojalwa bobe. Kgwetlho e kgolo e ne e le go tlogela tlwaelo e a sa bolong go nna le yone ya go tšhotlha matlhare a coca. O ne a rapela a sa kgaotse mme a kgona go fenya tlwaelo eno. Morago ga go tlogela mekgwa eno e e maswe, o ne a kolobediwa. A re: “Jaanong ke ikutlwa ke le phepa e bile ke itumetse tota.”

5. Ke eng se o batlang go bona se direga?

5 Jehofa o kgatlhegela batho tota. O batla gore botlhe ba ikwatlhae. (2 Pet. 3:9) Le rona re batla jalo. E kete dipelo tsa rona di ka re tlhotlheletsa go dira sotlhe se re ka se kgonang go tswelela pele re thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go itse Jehofa le go mo rata fela jaaka rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela