Thusa Ba ba Sa Tswang go Kopanela go Ipaakanyetsa Kganetso
1 Fa batho ba simolola go ithuta Baebele e bile ba ‘eletsa go tshela ka boineelo jwa bomodimo,’ Satane o dira maiteko a a kgethegileng go ba ganetsa. (2 Tim. 3:12) Kganetso e ka tswa mo bathong ba a berekang le bone, ba a tsenang sekolo le bone kgotsa mo baagisaning. Go ka nna boima le go feta fa ba losika ba ba nang le maitlhomo a a siameng ba ganetsa ba ba sa tswang go kopanela.—Math. 10:21; Mar. 3:21.
2 Go Boleletswe Pele ka Kganetso: Ba ba sa tswang go kopanela ba tshwanetse go itse gore dipogiso di tla nna gone le gore di supa gore ke barutwa ba mmatota ba ga Keresete. (Joh. 15:20) Ka dinako dingwe kganetso e ka tla ka batho ba ba nang le dikgopolo tse di phoso ka Basupi ba ga Jehofa. Nna o gakologelwa gore boitumelo jo bogolo bo nna gone ka ntlha ya go tlontlololwa ka go bo o le molatedi wa ga Jesu le ka go bo o ikobela Modimo. (Dit. 5:27-29, 40, 41) Tlhomamisetsa ba ba sa tswang go kopanela ka tshegetso e e lorato ya ga Jehofa. (Pes. 27:10; Mar. 10:29, 30) Fa ba ikanyega mo go Jehofa, seno se dira gore ba nne mo letlhakoreng la ga Jehofa mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo.—Dia. 27:11.
3 Kafa Kitso e e Tlhomameng e Thusang ka Teng: Gatelela mo bathong ba o ithutang le bone Baebele botlhokwa jwa go tswelela ba nna le kitso e e tlhomameng le fa ba lebane le diteko. Satane o dirisa dikganetso go dira gore se ba se ithutileng se se ka sa nwelelela mo dipelong tsa bone tsa tshwantshetso. (Dia. 4:23; Luke 8:13) Ba tshwanetse go tswelela ba nna le kitso e e tlhomameng ka Lefoko la Modimo gore ba nne le tumelo e e tsepameng.—Pes. 1:2, 3; Bakol. 2:6, 7.
4 Go Tlhokega Boitshoko: Mo maemong ape fela a a boima, go tlhokega boitshoko e bile bo ka tlisa diphelelo tse di molemo. (Luke 21:16-19) Fa ba ba sa tswang go kopanela ba itshokela dikganetso, seno se ka solegela bone le ba bangwe molemo. Ba itemogela bokgoni jwa ga Jehofa jwa go segofatsa botlhe ba ba itshokang ka boikanyegi.—Jak. 1:12.
5 Moaposetoloi Paulo o ne a itumelela kgatelopele ya semoya ya bakaulengwe botlhe ba gagwe ba kwa Thesalonika. O ne a leboga Modimo ka bone, ba bontsi jwa bone a neng a ba thusitse go itse boammaaruri. (2 Bathes. 1:3-5) Le rona re ka bona boitumelo jo bo tshwanang le joo le kgotsofalo fa re thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba kgone go lebana le kganetso ba bo ba itshoke.