Boitshoko—Bo Botlhokwa Thata Mo Bakereseteng
“Mo tumeloñ ea lona . . . lo tsenyè [boitshoko, NW].”—2 PETERE 1:5, 6.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshwanetse go itshoka go fitlha kwa bokhutlong?
MOLEBEDI yo o etang le mosadi wa gagwe ba ne ba etela Mokeresete mongwe yo o mo dingwageng tsa bo90. O ne a setse a na le masomesome a dingwaga a le mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Fa ba ntse ba bua, mokaulengwe yo o godileng yono o ne a ntse a akanya ka ditshiamelo tse a ileng a di itumelela fa dingwaga di ntse di feta. “Lefa go ntse jalo,” o ne a bua ka pelo e e botlhoko dikeledi di elela mo sefatlhegong sa gagwe, a re “jaanong ga ke kgone go dira sepe se se kalo.” Molebedi yo o etang o ne a bula Bibela ya gagwe a bo a bala Mathaio 24:13, koo Jesu Keresete a nopolwang a bolela jaana: “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” Morago ga foo molebedi o ne a leba mokaulengwe yono yo o rategang a bo a mo raya a re: “Lefa re ka tswa re dira go le gontsi kana re dira go le gonnye, kabelo ya bofelo eo rotlhe re nang le yone, ke gore re itshoke go fitlha kwa bokhutlong.”
2 Ee, jaaka Bakeresete, rotlhe re tlhoka go itshoka go fitlha tsamaiso eno ya dilo e khutla kana go fitlha re swa. Ga go na tsela epe e nngwe e Jehofa a ka re amogelang ka yone jaaka ba a tshwanetseng go ba boloka fa e se eno. Re mo lobelong lwa botshelo, mme re tshwanetse go ‘siana ka [boitshoko, NW]’ go fitlha re tshela mola wa bofelo. (Bahebera 12:1) Moaposetoloi Petere o ne a gatelela gore nonofo eno e botlhokwa fa a ne a kgothatsa Bakeresete ba bangwe jaana: “Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè . . . [boitshoko].” (2 Petere 1:5, 6) Mme tota, boitshoko ke eng?
Se Boitshoko E Leng Sone
3, 4. Go itshoka ke eng?
3 Go itshoka ke eng? Lediri la Segerika le le ranolwang jaaka “go itshoka” eleng (hy·po·meʹno) fa le tsewa fela jaaka le ntse le kaya “go nna kana go nna kafa tlase ga.” Le tlhaga ka makgetlo a le 17 mo Bibeleng. Go ya ka bakwadi ba dibukantswe ebong W. Bauer, F. W. Gingrich le F. Danker, le kaya “go nna eseng go sia . . . , go sa tshikinyege, go gana go dumelana le ba bangwe.” Leina la Segerika le le ranolwang jaaka “boitshoko” (hy·po·mo·neʹ) le tlhaga ka makgetlo a le 30. A New Testament Wordbook, e e kwadilweng ke William Barclay e bolela jaana ka lone: “Ke moya wa go kgona go itshokela dilo, eseng wa go ineela, mme wa go solofela tota . . . Ke nonofo e e dirang gore motho a nne a ntse a eme mo diphefong. Ke go nna moyamontle go go dirang gore teko e e thata go fenngwa e fenngwe gonne lefa motho a utlwa botlhoko o akanya fela ka mokgele wa gagwe.”
4 Boitshoko he, bo re thusa go emela dilo tse re di dumelang le go re thusa gore re se ka ra latlhegelwa ke tsholofelo fa re kgorelediwa kana re le mo mathateng. (Baroma 5:3-5) Ga bo tshwenyege thata ka botlhoko jwa gone jaanong mme bo tshwenyega thata ka mokgele—se motho a tla se gapang, kana mpho ya botshelo jo bo sa khutleng, kwa legodimong kana mo lefatsheng.—Yakobe 1:12.
Ke ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Itshoka?
5. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete botlhe ba “tlhoka go itshoka”? (b) Diteko tsa rona di ka kgaoganngwa ka ditlhopha dife tse pedi?
5 Rotlhe re “tlhoka go itshoka” jaaka Bakeresete. (Bahebera 10:36, NW) Ka ntlha yang? Lebaka le legolo ke gore ‘re wela mo ditekong tse dintsi.’ Temana ya Segerika mo go Yakobe 1:2 e akantsha gore seno ke sengwe se se sa lebelelwang kana se se sa batlegeng, jaaka fa motho a tlhaselwa ke sekebekwa. (Bapisa Luke 10:30.) Diteko tse re kopanang natso di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse pedi: tse di tlhagelang mongwe le mongwe ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, le tse di re tlhagelang ka ntlha ya go bo re ineetse mo Modimong. (1 Bakorintha 10:13; 2 Timotheo 3:12) Dingwe tsa diteko tseno ke dife?
6. Mosupi mongwe o ne a itshokela bolwetsi bongwe jo bo botlhoko jang?
6 Bolwetsi jo bo masisi. Fela jaaka Timotheo, Bakeresete bangwe ba tshwanelwa ke go itshokela “makōa a mantsi.” (1 Timotheo 5:23) Re tlhoka go itshoka, re eme re tlhomame, re ntse re thusiwa ke Modimo e bile re thusiwa ke go sa felelwe ke tsholofelo ya rona ya Bokeresete, fa re lebane le bolwetsi jo bo sa foleng, gongwe e bile e le jo bo botlhoko thata. Akanya ka sekai sa Mosupi mongwe yo a neng a sa tswa go tshwara dingwaga di le 50 yo a neng a lwala ka lobaka lo loleele, a boga a na le tlhagala e e bolayang e e neng e gola ka bonako. O ne a ema a tlhomame ka makgetlo a mabedi a ititeile sehuba gore ga a kitla a dumela go tshelwa madi fa a ne a ariwa. (Ditihō 15:28, 29) Mme tlhagala eno e ne ya tswa gape mo mpeng mme ya tswelela e tlhoga gape gaufi le lerapo la mokwatla. Fa e ntse e gola jaana, o ne a utlwa botlhoko thata mo melemo yotlhe e a neng a e newa e neng e sa kgone go bo okobatsa. Lefa go ntse jalo, o ne a se ka a akanya fela ka botlhoko jo a neng a bo utlwa mme o ne a akanya ka sekgele sa botshelo mo lefatsheng le lesha. O ne a tswelela a bolelela dingaka, baoki, le baeti ka tsholofelo ya gagwe e e nonofileng. O ne a itshoka go fitlha kwa bokhutlong—go fitlha a swa. Bolwetsi jwa gago bo ka nna jwa bo bo sa tshosetse botshelo jwa gago kana bo se botlhoko jaaka jwa mokaulengwe yono yo o rategang, mme bo ka nna jwa go leka tota gore o itshoke.
7. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba rona ba semoya ba tshwanela go itshokela botlhoko jwa mofuta ofe?
7 Botlhoko jwa maikutlo. Nako le nako, bangwe ba batho ba ga Jehofa ba nna le “bohutsana yoa pelo” joo bo bakiwang ke ‘moya o o phatlogileng.’ (Diane 15:13) Gantsi ba bangwe ba tshwenyega maikutlo thata mo ‘dipakeng tseno tse di tlhokofatsang.’ (2 Timotheo 3:1) Science News ya December 5, 1992, e ne ya bega jaana: “Selekanyo se batho ba tshwenyegang maikutlo thata ka sone, e bile gantsi e le ka tsela e motho a sa kgoneng go itirela sepe se ile sa oketsega mo dikokomaneng tse di neng tsa tsholwa morago ga 1915.” Go tshwenyega maikutlo goo, go ne go bakiwa ke dilo tse di sa tshwaneng, tse di tshwanang le dikarolo dingwe tsa mmele tse di amegileng ka tsela nngwe mmogo le dilo dingwe tse di seng monate tse di ka diragalelang motho. Bakeresete bangwe ba tshwanela go itshoka tota ba tlhomame gonne maikutlo a bone a utlwisiwa botlhoko letsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo ga ba ineele. Ba nna ba ntse ba ikanyega mo go Jehofa le mororo ba ntse ba lela.—Bapisa Pesalema 126:5, 6.
8. Re ka lekwa ka tsela efe mo kgannyeng ya madi?
8 Diteko tse dingwe tse dintsi tse re kopanang natso di ka akaretsa mathata a itsholelo. Fa mokaulengwe mongwe kwa New Jersey, kwa U.S.A., a ne a senyegelwa ke tiro ka tshoganetso, o ne a tshwenyegile ka gore balelapa la gagwe ba tla bona dijo kae mme eseng ka gore o ne a tla latlhegelwa ke ntlo ya gagwe. Lefa go ntse jalo, o ne a nna a ntse a akantse ka tsholofelo ya Bogosi. Fa a ntse a batla tiro e nngwe o ne a dirisa sebaka seo ka go nna mmulatsela yo o thusang. Kgabagare o ne a bona tiro.—Mathaio 6:25-34.
9. (a) Go swelwa ke mongwe yo o mo ratang go ka dira gore o itshoke ka tsela efe? (b) Ke dikwalo dife tse di bontshang gore ga go phoso go lela fa o utlwile botlhoko?
9 Fa o sena go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, o tlhoka go itshoka tota gore o se ka wa ikutlwa o latlhegile fa botlhe ba ba neng ba go gomotsa ba sena go tsamaya. O ka nna wa fitlhela gore o tshwenyega thata ngwaga le ngwaga fa go tla nako e motho yo o mo ratang a neng a swa ka yone. Ga go reye gore ga o a tshwanela go lela ka ntlha ya kutlobotlhoko fa o ntse o itshokile jalo. Go hutsafalela motho yo o mo ratang yo o tlhokafetseng go itlela fela, e bile seno ga se reye gore ga o dumele tsholofetso ya gore o tla tsoga. (Genesise 23:2; bapisa Bahebera 11:19.) Jesu o ne a “lela” fa Lasaro a sena go swa, le mororo e le ene yo A neng a bolelela Maratha a tlhomamisa tota a re: “Kgantsadio o tla ba a coga.” Mme Lasaro ruri o ne a tsoga!—Yohane 11:23, 32-35, 41-44.
10. Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba tlhoka go itshoka ka tsela e e sa tshwaneng le ya ba bangwe?
10 Mo godimo ga go itshokela diteko tse di tlelang mongwe le mongwe, batho ba ga Jehofa ba tlhoka go itshoka ka mabaka mangwe gape a a sa tshwaneng gotlhelele. “Me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me,” Jesu o ne a ba tlhagisa jalo. (Mathaio 24:9) O ne a bolela gape jaana: “Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yohane 15:20) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlile go ilwa le go bogisiwa jalo? Ka gore Satane o leka go dira gore re se ka ra thokgama mo go Jehofa jaaka batlhanka ba Modimo lefa re ka tswa re nna kae mo lefatsheng leno. (1 Petere 5:8; bapisa Tshenolō 12:17.) Satane o dira seno ka go dira gore ba bogisiwe botlhoko, a ba leka tota gore a ba tla itshoka.
11, 12. (a) Basupi ba ga Jehofa le bana ba bone ba ne ba tshwanela go itshokela teko efe ka bo1930 le fa bo1940 ba ne ba simologa? (b) Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba gana go dumedisa folaga?
11 Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa le bana ba bone ba ne ba bogisiwa ka bo1930 le kwa tshimologong ya bo1940, kwa United States le kwa Canada gonne ba ne ba gana go dumedisa folaga ka go bo digakolodi tsa bone di ne di sa ba letle. Basupi ba tlotla ditshwantsho tsa merafe e ba tshelang le yone, mme ba reetsa molaomotheo ono o o kwadilweng mo Molaong wa Modimo mo go Ekesodo 20:4, 5: “U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla: ka gonne Nna, Yehofa, Modimo oa gago, ke Modimo o o lehuha.” Ka nako ya fa bana bangwe ba ba tsenang sekolo ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kobiwa kwa sekolong gonne ba ne ba batla go obamela Jehofa Modimo fela, Basupi ba ne ba tlhoma Dikolo tsa Bogosi gore ba kgone go rutiwa. Baithuti bano ba ne ba boela kwa dikolong tse di tsenwang ke botlhe fa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e ne e dumalana le boemo jwa bone jwa bodumedi, jaaka merafe e e tlhaloganyang dilo e dira gompieno. Lefa go ntse jalo, tsela e basha bano ba neng ba itshoka ka yone ke sekao se sentle thata segolobogolo mo basheng ba Bakeresete ba ba ka tswang ba sotliwa ka go bo ba leka go tshela ka melao ya Bibela.
12 Ditsela tse di farologaneng tse re lekwang ka tsone—tse di tshwanang le tsa mongwe le mongwe le tse re lebanang le tsone ka ntlha ya tumelo ya rona ya Bokeresete—di re supetsa lebaka la go bo re tshwanetse go itshoka. Mme re ka kgona jang go itshoka?
Re ka Kgona Jang go Itshoka go Fitlha kwa Bokhutlong?
13. Jehofa o re naya boitshoko jang?
13 Ruri batho ba Modimo ba botoka thata mo bathong ba ba sa obameleng Jehofa. Re ka kopa “Modimo o o re nayang boitshoko” gore a re thuse. (Baroma 15:5, NW) Gone mme, Jehofa o re naya boitshoko jang? Tsela e nngwe e a dirang seno ka yone ke ka dikao tse di kwadilweng mo Lefokong la gagwe, Bibela. (Baroma 15:4) Fa re ntse re tlhatlhanya ka dilo tseno, ga re kgothadiwe fela gore re itshoke mme re ithuta go le gontsi gore re ka kgona jang go itshoka. Akanya ka dikao tseno tse pedi tse di tlhomologileng—kafa Jobe a neng a itshoka ka teng a le pelokgale le kafa Jesu Keresete a neng a kgona go itshoka tota ka teng.—Bahebera 12:1-3; Yakobe 5:11.
14, 15. (a) Jobe o ne a itshokela diteko dife? (b) Jobe o ne a kgona go itshokela diteko tsa gagwe jang?
14 Jobe o ne a diragaletswe ke eng se se neng sa batla gore a itshoke? O ne a humanega ka nako ya fa a ne a latlhegelwa ke dithoto tsotlhe tsa gagwe. (Yobe 1:14-17; bapisa Yobe 1:3.) Jobe o ne a utlwa botlhoko thata ka nako ya fa bana botlhe ba gagwe ba ne ba bolawa ke kgwanyape ka bolesome jwa bone. (Yobe 1:18-21) O ne a tsenwa ke bolwetsi jo bo masisi, jo bo botlhoko thata. (Yobe 2:7, 8; 7:4, 5) Mosadi wa gagwe o ne a mo gatelela gore a latlhe Modimo. (Yobe 2:9) Ditsala tsa gagwe di ne tsa bua dilo tse di utlwisang botlhoko, tsa go tlhoka bopelonomi, le tse di seng boammaaruri. (Bapisa Yobe 16:1-3 le Yobe 42:7.) Lefa go ntse jalo, Jobe o ne a nna a ntse a tlhomame a ikanyega fa a ntse a diragalelwa ke dilo tseno. (Yobe 27:5) Dilo tse a neng a di itshokela di tshwana fela le tse di diragalelang batho ba ga Jehofa gompieno.
15 Jobe o ne a kgona jang go itshokela diteko tseo tsotlhe? Selo sa botlhokwa se se neng sa thusa Jobe e ne e le tsholofelo. “Gonne mo setlhariñ go na le cholohèlō,” o ne a bolela jalo. “Leha se remilwe, se tla ba se tlhoga macwèla, le go re, lecwèla ye le nana ya shōna ga le ketla le khutla.” (Yobe 14:7) Jobe o ne a solofetse eng? O ne a bolela jaana, jaaka go kwadilwe mo ditemaneng di le mmalwa tse di latelang: “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela? . . . U nu u ka bitsa, ke ne ke tla gu araba: u nu u tla eletsa [kana, o tlhoafalela] tihō ea diatla tsa gago.” (Yobe 14:14, 15) Ee, Jobe ga a ka a akanya fela ka botlhoko jo a neng a bo utlwa. O ne a itse gore diteko tsa gagwe di ne di se kitla di nnela ruri. Fa go sa nna jalo o ne a tla itshoka fela go fitlha a swa. O ne a lebile ka tsholofelo mo go Jehofa, yoo a neng a tla mo tsosa gore a tshele gape gonne lorato lwa gagwe lo dira gore a eletse go tsosa baswi.—Ditihō 24:15.
16. (a) Ke eng se re se ithutang ka boitshoko mo sekaong sa ga Jobe? (b) Tsholofelo ya Bogosi e tshwanetse go nna selo sa mmatota mo go rona ka tsela efe, mme ka ntlha yang?
16 Re ithuta eng ka tsela e Jobe a neng a itshoka ka yone? Re tshwanetse go nna re akantse ka dilo tse re di solofetseng gore re kgone go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Gakologelwa gape gore fa re tlhatswegile pelo ka dilo tse re di solofetseng tsa Bogosi go kaya gore tsela epe e re ka bogang ka yone e “motlhoho.” (2 Bakorintha 4:16-18) Selo se segolo se re se solofetseng ke isagwe e e fa gaufi e Jehofa a e re solofeditseng ka nako ya fa a tla bo a ‘phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a rona, mme go sa tlhole go le loso, le bohutsana, lefa e le selelo, lefa e le botlhoko.’ (Tshenolō 21:3, 4) Tsholofelo eo, e e sa ‘tlhabiseng ditlhong,’ e tshwanetse ya sireletsa dikakanyo tsa rona. (Baroma 5:4, 5; 1 Bathesalonia 5:8) E tshwanetse ya nna ya mmatota mo go rona—e nne ya mmatota mo re kgonang go ipona ka matlho a tumelo re setse re le mo lefatsheng le lesha—re sa tlhole re tshwenngwa ke malwetsi le go tshwenyega mo maikutlong mme re tsoga letsatsi le letsatsi re itekanetse e bile ditlhaloganyo tsa rona di siame; re sa tlhole re tshwenngwa ke mathata ape fela a a masisi a itsholelo mme re tshela re sa tshosediwe ke sepe; re sa tlhole re hutsafalela batho ba re ba ratang ba ba suleng mme re itumelela go ba bona ba tsosiwa mo baswing. (Bahebera 11:1) Fa re sena tsholofelo e e ntseng jalo re tlile go fekeediwa ke dilo tse re lekwang ka tsone jaanong mo re tlileng go ineela. Abo tumelo ya rona e re tlhotlheletsa thata jang ne gore re nne re lwe, re itshoke go fitlha kwa bokhutlong!
17. (a) Jesu o ne a itshokela diteko dife? (b) Ke ntlha efe e e supang gore Jesu o ne a itshokela botlhoko jo bogolo thata? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
17 Bibela e re kgothatsa gore re ‘lebe’ kwa go Jesu mme ‘re akanye ka ene.’ O ne a itshokela diteko dife? Dingwe tsa tsone di ne di bakiwa ke boleo le go sa itekanelang ga ba bangwe. Jesu ga a ka a itshokela fela “baleohi ba ba ikganetsañ” mme o ne a itshokela le mathata a a neng a tsoga mo gare ga barutwa ba gagwe, go akaretsa le go gogagogana ga bone ka gore ke mang yo a neng a le mogolo mo go bone. Mo godimo ga moo, tumelo ya gagwe e ne ya lekwa ka tsela e e sa tshwaneng le ya ga ope. O ne a “ichokèla mokgōrō.” (Bahebera 12:1-3; Luke 9:46; 22:24) Go bokete go akanya kafa tlhaloganyo ya gagwe le mmele wa gagwe di neng tsa utlwisiwa botlhoko ka teng fa a ne a kokotelwa le ka ntlha ya go bo a ile a bolawa go twe ke motlhapatsi ka tsela e e neng e mo tlhabisa ditlhong.a
18. Go ya ka moaposetoloi Paulo, ke dilo dife tse pedi tse di neng tsa thusa Jesu?
18 Ke eng se se neng sa thusa Jesu gore a itshoke go ya kwa bokhutlong? Moaposetoloi Paulo o umaka dilo tse pedi tse di neng tsa thusa Jesu: “merapèlō le mekokotlèlō” gape le ‘boitumelo jo a neng a bo beetswe pele.’ Jesu, Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, o ne a se ka a tlhajwa ke ditlhong go kopa thuso. O ne a rapela ka “selelō se se tona le dikeledi.” (Bahebera 5:7; 12:2) O ne a ikutlwa a tshwanetse go rapela kgapetsakgapetsa le ka tlhoafalo gore a newe nonofo, segolobogolo fa teko ya gagwe e kgolo e ne e atamela. (Luke 22:39-44) Jehofa ga a ka a araba mekokotlelo ya ga Jesu ka go tlosa teko eo, mme o ne a nonotsha Jesu gore a kgone go e itshokela. Jesu o ne a itshoka gape ka gonne o ne a sa akanya fela ka mokgoro o a tlileng go tlhokofalediwa mo go one mme ka sekgele—boitumelo jo a neng a tla bo bona ka go itshekisa leina la ga Jehofa le ka go rekolola lelapa la motho mo losong.—Mathaio 6:9; 20:28.
19, 20. Sekao sa ga Jesu se re thusa jang go akanya sentle ka se se akarediwang ke go itshoka?
19 Sekao seno sa ga Jesu se re ruta dilo di le mmalwa tse di ka re thusang gore re akanye sentle ka seo se akarediwang ke go itshoka. Go itshoka ga go motlhofo. Fa re fitlhela go le bokete go itshokela teko nngwe, re ka gomodiwa ke go itse gore go ne go ntse fela jalo le ka Jesu. Re tshwanetse go nna re rapelela gore re newe nonofo gore re kgone go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa gore ga re batho ba ba ka rapelang fa re lekwa. Mme Jehofa o re laletsa gore re mo tshololele dipelo tsa rona ‘ka wa re babalela.’ (1 Petere 5:7) Mme Jehofa o itlamile gore o tla naya bao ba mo kopang ka tumelo “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō” gonne a re solofeditse jalo mo Lefokong la gagwe.—2 Bakorintha 4:7-9.
20 Ka dinako tse dingwe re tshwanetse go itshoka le mororo re ntse re lela. Botlhoko jo Jesu a neng a bo utlwa fa a le mo koteng ya pogisetso e ne e se selo se se ka itumelelwang. Go na le moo, se se neng se itumedisa ke tuelo e e neng e le kwa pele. Re tla bo re iphoufaletsa boammaaruri fa re ka lebelela gore re tla nna re itumetse kana re ipela fa re lekwa. (Bapisa Bahebera 12:11.) Lefa go ntse jalo, re ka kgona go go ‘kaya e le boitumelo fela’ lefa re kopana le maemo a a re lekang thata, fa re nna re akantse fela ka tuelo ya rona. (Yakobe 1:2-4; Ditihō 5:41) Selo sa botlhokwa ke gore re nne re tlhomame—lefa seno se dira gore re lele. Ebile tota, Jesu ga a ka a re, ‘Yo o sa leleng thata ke ene yo o tla bolokwang’ mme o ne a re, “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—Mathaio 24:13.
21. (a) Re kgothalediwa go tsenya eng mo boitshokong jwa rona mo go 2 Petere 1:5, 6? (b) Go tlile go sekasekiwa dipotso dife mo setlhogong se se latelang?
21 Ka gone re tshwanetse go itshoka gore re tle re bolokwe. Lefa go ntse jalo, 2 Petere 1:5, 6 e re kgothaletsa gore re tsenye poifomodimo mo boitshokong jwa rona. Poifomodimo ke eng? E amana jang le boitshoko, mme re ka kgona go nna le yone jang? Potso eno e tlile go tlotliwa mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bonala tota gore Jesu o ne a itshokela botlhoko jo bogolo fela thata ka ntlha ya gore mmele wa gagwe o o itekanetseng o ne wa swa mo diureng di le mmalwa fela mo koteng eo, fa baleofi ba ba neng ba kokotetswe fa thoko ga gagwe ba ne ba tshwanela go robiwa maoto gore ba swe ka bonako. (Yohane 19:31-33) Ditlhaloganyo tsa bone le mebele ya bone e ne e sa utlwisiwa botlhoko jaaka tsa ga Jesu mo bosigong jo a neng a se ka a lala a robetse jwa pele a ya go kokotelwa, gongwe e bile e le ka selekanyo se se neng sa dira gore a se ka a kgona go rwala kota e a neng a tlile go bogisediwa mo go yone.—Mareko 15:15, 21.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Go itshoka go kaya eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba tlhoka go itshoka ka ditsela tse di sa tshwaneng le tsa bape?
◻ Ke eng se se neng sa thusa Jobe gore a itshoke?
◻ Sekao sa ga Jesu se re thusa jang gore re akanye sentle ka se se kaiwang ke boitshoko?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Dikolo tsa Bogosi, di ne tsa tlhongwa go ruta bana ba Bakeresete ba ba neng ba kobilwe kwa dikolong gonne ba ne ba batla go obamela Jehofa fela
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jesu o ne a rapelela gore a newe nonofo ya gore a kgone go itshoka gonne a ne a batla go tlotla Rraagwe