KGAOLO 7
‘Akanyang ka Kelotlhoko Ka ga Yo o Ileng a Itshoka’
1-3. (a) Jesu o mo tlalelong e e kana kang kwa tshimong ya Gethesemane, mme e bakiwa ke eng? (b) Go ka tweng ka sekao sa ga Jesu sa boitshoko, mme go tsoga dipotso dife?
JESU o lebane le kgatelelo e e boitshegang. Ga a ise a ko a tsamaye a tlalelwe go le kalo mo maikutlong le mo tlhaloganyong. O mo diureng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Ene le baaposetoloi ba gagwe ba tla mo lefelong le ba neng ba rata go tla kwa go lone, tshimo ya Gethesemane. O ne a tle a kopanele le bone koo. Le fa go ntse jalo, mo bosigong jono, o tlhoka nako ya go nna a le nosi. O tlogela baaposetoloi ba gagwe a bo a tsenelela kwa karolong e e kwa teng ya tshimo, mme o a khubama, a bo a simolola go rapela. O rapela ka tlhoafalo e kgolo mme o tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo mo mofufutso wa gagwe o nnang “jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.”—Luke 22:39-44.
2 Ke eng fa Jesu a le mo tlalelong e kgolo jalo? Ee, o a itse gore o tla tloga a lebana le pogo e e boitshegang, le fa go ntse jalo, seo ga se sone se se dirang gore a nne mo tlalelong e kalo. Go na le dilo tse di botlhokwa thata tse a tshwenyegileng ka tsone. O amegile thata ka leina la ga Rraagwe e bile o a lemoga gore isagwe ya batho e ikaegile ka go tswelela ga gagwe a ikanyega. Jesu o a itse gore go botlhokwa go le kana kang gore a itshoke. Fa a ka palelwa ke go itshoka, o tla dira gore leina la ga Jehofa le tlhapadiwe mo go maswe. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a palelwe. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, metsotso e se kae pele ga a neela mowa, o tlhaeletsa jaana ka tsela ya phenyo morago ga go tlhoma sekao sa boitshoko se se molemo go di gaisa tsotlhe mo letsheng: “Go diragaditswe!”—Johane 19:30.
3 Baebele e re kgothaletsa go ‘akanya ka kelotlhoko ka ga Jesu yo o ileng a itshoka.’ (Bahebera 12:3) Seno se dira gore go tsoge dipotso tseno tsa botlhokwa: Dingwe tsa diteko tse Jesu a neng a di itshokela ke dife? Ke eng se se neng sa mo thusa go itshoka? Re ka etsa jang sekao sa gagwe? Mme gone, pele ga re araba dipotso tseno, mma re sekaseke gore boitshoko bo akaretsa eng.
Boitshoko ke Eng?
4, 5. (a) “Boitshoko” bo kaya eng? (b) Re ka dirisa sekai sefe go bontsha kafa boitshoko bo sa akaretseng go lebana le bothata fela ka gonne o sa kgone go bo tila?
4 Rotlhe fela re a tle re ‘hutsafadiwe ke diteko tse di farologaneng’ gangwe le gape. (1 Petere 1:6) A kgang ya go bo re lebane le teko e e rileng e bolela gore re a bo re e itshokela? Le e seng. Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “boitshoko” le bolela “bokgoni jwa go nna o sa tshikinyege kana o sa ineele fa o lebane le maemo a a boima.” Malebana le boitshoko jo bakwadi ba Baebele ba buang ka jone, mokanoki mongwe o tlhalosa jaana: “Ke moya wa go itshokela dilo, e seng go di itshokela fela ka go bo go se na se o ka se dirang, go na le moo, go di itshokela ka ntlha ya go nna le tsholofelo e e nonofileng . . . Ke nonofo e e thusang motho go nna a tlhomame le fa a lebane le mathata a a boitshegang. Ke nonofo e e ka thusang motho go fetola teko e e boima go di gaisa tsotlhe go nna sengwe se se molemo ka gonne e mo thusa go leba ka kwa ga botlhoko jo a lebaneng le jone.”
5 Ka gone, boitshoko ga se fela go lebana le bothata ka gonne o sa kgone go bo tila. Go ya ka Baebele, boitshoko bo akaretsa go ema o tlhomame, o ipoloka o na le boikutlo jo bo siameng e bile o na le tsholofelo le fa o lebane le diteko. Akanya ka sekai seno: Banna ba babedi ba tshelela mo maemong a a tshwanang mo kgolegelong mme gone ba tshwerwe ka mabaka a a sa tshwaneng. Yo mongwe ke senokwane mme o ikobela dithibelo tse a di beetsweng ka pelo e e botlhoko. Yo mongwe ene ke Mokeresete wa boammaaruri yo o tshwaretsweng boikanyegi jwa gagwe mme ene o ema a nitame a na le maikutlo a a siameng ka gonne a tsaya maemo ano e le a a mo nayang tshono ya go bontsha tumelo ya gagwe. Senokwane seno se ka se tsewe e le sekao sa boitshoko, mme Mokeresete yo o ikanyegang ene a ka tsewa e le sekao sa nonofo eno e e molemo ya boitshoko.—Jakobe 1:2-4.
6. Re ka ithuta go nna le boitshoko ka tsela efe?
6 Boitshoko bo botlhokwa thata fa e le gore re batla go bolokwa. (Mathaio 24:13) Le fa go ntse jalo, ga re tsholwe re na le nonofo eno ya botlhokwa. Motho o tshwanetse go ithuta go nna le boitshoko. Jang? Baroma 5:3 ya re: “Pitlagano e tsala boitshoko.” Ee, fa ruri re batla go nna le boitshoko, re ka se ka ra boifa go lebana le mefuta yotlhe ya diteko. Go na le moo, re tshwanetse go lebana le tsone. Re nna le boitshoko fa letsatsi le letsatsi re kopana le diteko tse dinnye le tse dikgolo mme re di fenya. Teko nngwe le nngwe e re lebanang le yone e re nonotsha gore re kgone go lebana le e e latelang. Ke boammaaruri gore, ga re kgone go nna le boitshoko ka borona fela. Re “ikaegile ka nonofo e Modimo a e nayang.” (1 Petere 4:11) Jehofa o re abetse thuso e e di gaisang tsotlhe ya go ema re nitame—sekao sa Morwawe. A re sekaseke ka kelotlhoko sekao sa ga Jesu se se se nang selabe sa boitshoko.
Diteko Tse Jesu a Ileng a di Itshokela
7, 8. Ke dilo dife tse Jesu a ileng a di itshokela fa a tloga a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng?
7 Fa Jesu a tloga a wetsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, o ile a itshokela bosetlhogo jo bo seng kana ka sepe. Mo godimo ga tlalelo e e boitshegang e a neng a lebana le yone mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo, akanya ka go swaba go a tshwanetseng a bo a ile a lebana le gone le go sotlwa. O ne a okwa ke motho yo a neng a atamalane thata le ene, a latlhwa ke ditsala tsa gagwe tse dikgolo, a lebana le tsheko e e seng kafa molaong e mo go yone maloko a kgotlatshekelo e kgolo go gaisa tsotlhe a ileng a sotla ka ene, a mo kgwela mathe le go mo itaya ka mabole. Le fa go ntse jalo, a itshokela dilo tseo tsotlhe a ritibetse ka seriti le ka nonofo e kgolo.—Mathaio 26:46-49, 56, 59-68.
8 Mo diureng tsa ga Jesu tsa bofelo, o ile a itshokela go bogisiwa ka tsela e e setlhogo. O ile a setlakwa, a itewa setlhogo ka tsela e go tweng e ne e tlogela motho a na le “mesegako e e boteng le go dutla madi ka selekanyo se segolo.” O ne a bapolwa, a kokotelwa ka tsela e e tlhalosiwang e le e e dirang gore motho “a swe ka iketlo mme a utlwa botlhoko jo bogolo le go boga ka tsela e e setlhogo.” Akanya fela ka botlhoko jo bogolo jo a ileng a bo utlwa fa dimapo tse dikgolo di tsena mo diatleng le mo maotong a gagwe fa ba ne ba mo kokotela mo koteng. (Johane 19:1, 16-18) Akanya fela ka botlhoko jo bogolo jo a ileng a bo utlwa fa kota eo e ne e emisiwa le mmele wa gagwe o akgega mo dimapong mme mokwatla wa gagwe o o setlakakilweng o kgoma kota eo. Mme o ne a itshokela pogo e kalo a lebane le tlalelo e kgolo e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya kgaolo eno.
9. Go tsaya ‘kota ya rona ya tlhokofatso’ le go latela Jesu go akaretsa eng?
9 Rona balatedi ba ga Keresete, re ka tshwanelwa ke go itshokela eng? Jesu o ile a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a . . . tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) Mafoko a a reng “kota ya tlhokofatso” a dirisitswe fano ka tsela ya tshwantshetso go kaya go boga, go tlhabisiwa ditlhong kgotsa le e leng loso. Go nna molatedi wa ga Keresete ga go motlhofo. Melao ya Bokeresete e re tshelang ka yone e re dira gore re farologane le batho ba bangwe. Lefatshe leno le a re ila ka gonne re se karolo ya lone. (Johane 15:18-20; 1 Petere 4:4) Le fa go ntse jalo, re iketleeleditse go tsaya kota ya rona ya tlhokofatso—ee, re ka mpa ra boga, le e leng go swa, go na le gore re tlogele go latela Motlhomasekao wa rona.—2 Timotheo 3:12.
10-12. (a) Ke eng fa makoa a batho ba bangwe a ile a nna kgwetlho e kgolo mo go Jesu? (b) Mangwe a maemo a a gwetlhang a Jesu a ileng a lebana le one ke afe?
10 Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, o ne a lebana le diteko tse dingwe tse di neng di bakwa ke bosaitekanelang jwa batho ba a neng a tshela le bone. Gopola gore e ne e le ene “modiri yo o setswerere” yo Jehofa a mo dirisitseng go bopa lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone. (Diane 8:22-31) Ka gone, Jesu o ne a itse gore Jehofa o ikaeletse eng ka batho; ba ne ba tshwanetse go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa mme ba itumelele botshelo ba na le botsogo jo bo molemo. (Genesise 1:26-28) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bona matswela a a utlwisang botlhoko a boleo ka tsela e sele—ene ka boene jaanong e ne e le motho, a kgona go utlwa maikutlo a batho ba nang le one. Go tshwanetse ga bo go ne go mo utlwisa botlhoko ruri go iponela ka boene bosaitekanelang jo bogolo jo batho ba neng ba le mo go jone fa ba bapisiwa le seemo se Adame le Efa ba neng ba le mo go sone kwa tshimologong! Ka jalo Jesu o ile a lebana le teko e kgolo ya boitshoko. A o ne a tla kgobega marapo a bo a itlhoboga, a tsaya batho ba ba nang le boleo e le ba ba ka se kang ba tlhola ba thusega? Mma re bone.
11 Go kgwaralala ga dipelo tsa Bajuda go ile ga dira gore Jesu a ngomoge pelo thata mo a ileng a lela phatlalatsa. A o ile a letla gore go kgwaralala ga dipelo tsa bone go koafatse tlhoafalo ya gagwe kana go mo dire gore a tlogele tiro ya go rera? Go na le go dira jalo, o ile a “ya go ruta letsatsi le letsatsi mo tempeleng.” (Luke 19:41-44, 47) O ne a ‘hutsafadiwa thata’ ke go kgwaralala ga dipelo tsa Bafarasai ba ba neng ba mo lebile ka kelotlhoko gore a o tla fodisa monna mongwe ka Sabata. A o ile a itetla go tshosiwa ke baganetsi bao ba ba itirang tshiamo go feta selekanyo? Legoka! O ile a ema a tlhomame mme a fodisa monna yoo—a dira jalo mo gare ga sinagoge!—Mareko 3:1-5.
12 Go na le sengwe gape se se ka tswang se ile sa nna kgwetlho e kgolo mo go Jesu—makoa a barutwa ba ba neng ba tsamaya le ene. Jaaka fa re ithutile mo Kgaolong ya 3, ba ne ba na le keletso e e sa feleng ya go rata maemo. (Mathaio 20:20-24; Luke 9:46) Jesu o ile a ba gakolola makgetlo a le mmalwa a ba bontsha botlhokwa jwa go nna boikokobetso. (Mathaio 18:1-6; 20:25-28) Le fa go ntse jalo, ba ile ba nna bonya go dirisa kgakololo eo. Ebu, mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo le bone, go ile ga tsoga “kganetsano e e gotetseng” gareng ga bone ka ga gore ke mang yo mogolo mo go bone! (Luke 22:24) A Jesu o ile a ba tlhoboga, a ipolelela gore ga go na se a ka tlholang a se dira go ba thusa? Nnyaa. O ne a tswelela a le pelotelele, a na le tsholofelo le go tswelela a tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo. O ne a itse gore mo pelong, ba ne ba rata Jehofa le gore totatota ba ne ba batla go dira thato ya gagwe.—Luke 22:25-27.
A re tla letla kganetso e re kgoba marapo kgotsa a re tla tswelela pele re rera ka tlhagafalo?
13. Re ka lebana le diteko dife tse di tshwanang le tse Jesu a neng a di itshokela?
13 Re ka nna ra lebana le diteko tse di tshwanang le tse Jesu a ileng a di itshokela. Ka sekai, re ka nna ra kopana le batho ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa Bogosi kana ba ba o ganetsang. A re tla letla gore tsela eo e ba itshwarang ka yone e re kgobe marapo, kgotsa a re tla tswelela pele re rera ka tlhoafalo? (Tito 2:14) Re ka nna ra lekwa ke bosaitekanelang jwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Re ka nna ra utlwisiwa botlhoko ke mongwe yo o buang sengwe kana yo o dira sengwe a sa akanye. (Diane 12:18) A re tla letla makoa a badumedi ka rona a re dira gore re ba tlhoboge, kgotsa a re tla tswelela pele re itshokela diphoso tsa bone le go tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo?—Bakolosa 3:13.
Se se Neng sa Thusa Jesu go Itshoka
14. Ke dilo dife tse pedi tse di neng tsa thusa Jesu go ema a tlhomame?
14 Ke eng se se neng sa thusa Jesu go ema a tlhomame le go tswelela a ikanyega go sa kgathalesege go sotlwa, go swabisiwa le go boga go a ileng a lebana le gone? Go na le dilo tse pedi tse di kgethegileng tse di neng tsa mo thusa. Sa ntlha, o ne a senka thuso kwa go Jehofa, a ikuela kwa ‘Modimong yo o fang boitshoko.’ (Baroma 15:5) Sa bobedi, o ile a tlhoma mogopolo mo ditsholofetsong tsa mo isagweng, a akanya thata ka melemo e go itshoka ga gagwe go neng go tla e lere. A re sekaseke dilo tseno ka bongwe ka bongwe.
15, 16. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a sa ikaega ka nonofo ya gagwe ka namana go itshoka? (b) Jesu o ile a bontsha go ikanya Rraagwe jang, mme ka ntlha yang?
15 Le mororo Jesu e ne e le Morwa Modimo yo o itekanetseng, o ne a se ka a ikaega ka nonofo ya gagwe ka boene. Go na le moo, o ile a leba kwa go Rraagwe wa kwa legodimong mme a kopa thuso kwa go ene. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Keresete . . . o ne a isa mekokotlelo mmogo le dikopo kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong, ka dilelo tse dikgolo le dikeledi.” (Bahebera 5:7) Ela tlhoko gore Jesu “o ne a isa” e seng fela dikopo mme le mekokotlelo. Lefoko “mokokotlelo” le kaya kopo ya pelo yotlhe le e e dirwang ka tlhoafalo—ee, go lopa thuso. Kgang ya go bo go dirisitswe lefoko “mekokotlelo” le le leng mo bontsing e bontsha gore Jesu o ile a kopa Jehofa makgetlo a le mantsinyana. Ee, kwa tshimong ya Gethesemane, Jesu o ile a rapela gangwe le gape le ka tlhoafalo.—Mathaio 26:36-44.
16 Jesu o ne a na le tsholofelo e e feletseng ya gore Jehofa o ne a tla araba dikopo tsa gagwe, ka gonne a itse gore Rraagwe ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Pele ga Morwa yono wa leitibolo a tla mo lefatsheng, o ne a bone Rraagwe a tsibogela dithapelo tsa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka sekai, Morwa e ne e le mosupi yo o boneng ka matlho kwa legodimong fa Jehofa a ne a romela moengele go ya go araba thapelo e e tswang pelong ya ga moporofeti Daniele—le pele ga Daniele a wetsa thapelo eo. (Daniele 9:20, 21) Ka gone, Rara o ne a ka palelwa ke eng gore a arabe fa Morwawe yo o tsetsweng a le esi a mo tshololela pelo “ka dilelo tse dikgolo le dikeledi”? Jehofa o ile a tsibogela dikopo tsa Morwawe mme a romela moengele go mo nonotsha gore a kgone go itshokela maemo ao a a thata.—Luke 22:43.
17. Gore re kgone go itshoka, ke eng fa re tshwanetse go senka thuso kwa go Jehofa, mme re ka dira seo jang?
17 Gore le rona re kgone go itshoka, re tshwanetse go kopa thuso kwa go Jehofa—kwa Modimong ‘yo o nayang maatla.’ (Bafilipi 4:13) Fa Morwa yo o itekanetseng wa Modimo a ile a ikutlwa a tlhoka go kopa Jehofa gore a mo thuse, ruri rona re tshwanetse go dira jalo le e leng go feta! Jaaka Jesu, re ka nna ra tshwanelwa ke go lopa Jehofa gangwe le gape. (Mathaio 7:7) Le fa re sa lebelela gore rona re etelwe ke moengele, re ka tlhomamisega ka seno: Modimo wa rona yo o lorato o tla tsibogela ditopo tsa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba ‘nnelang ruri mo mekokotlelong le mo dithapelong bosigo le motshegare.’ (1 Timotheo 5:5) Go sa kgathalesege diteko tse re lebanang le tsone—e ka ne e le bolwetse, go swelwa ke yo re mo ratang, kgotsa go bogisiwa ke baganetsi—Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona fa re mo kopa botlhale, bopelokgale le nonofo ya go itshoka.—2 Bakorintha 4:7-11; Jakobe 1:5.
Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona fa re mo kopa ka tlhoafalo gore a re thuse go itshoka
18. Jesu o ne a leba ka kwa ga go boga ga gagwe ka tsela efe, a leba kwa go se se neng se mo letetse kwa pele?
18 Selo sa bobedi se se ileng sa thusa Jesu go kgona go itshoka ke go leba kwa pele, go leba ka kwa ga pogo, a leba se se neng se mo letetse kwa pele. Baebele e bua jaana ka ene: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso.” (Bahebera 12:2) Sekao sa ga Jesu se bontsha kafa tsholofelo, boipelo le boitshoko di tsamaisanang mmogo ka teng. Seno se ka sobokanngwa jaana: Tsholofelo e felela ka boipelo, mme boipelo jone bo felela ka boitshoko. (Baroma 15:13; Bakolosa 1:11) Jesu o ne a na le ditsholofelo tse di itumedisang. O ne a itse gore go ikanyega ga gagwe go ne go tla tlotlomatsa bolaodi jwa ga Rraagwe le go mo thusa go rekolola batho mo boleong le mo losong. Jesu gape o ne a na le tsholofelo ya go busa e le Kgosi le go nna Moperesiti yo Mogolo, a tlisetsa batho ba ba kutlo masego a a oketsegileng. (Mathaio 20:28; Bahebera 7:23-26) Ka ntlha ya go tlhoma mogopolo mo ditsholofelong tse di neng di mo letetse, o ne a nna le boipelo jo bo seng kana ka sepe, mme boipelo joo, bo ne jwa mo thusa go itshoka.
19. Fa re lebana le dilo tse di lekang tumelo ya rona, re ka letla jang gore tsholofelo, boipelo le boitshoko di dirisane mmogo gore re solegelwe molemo?
19 Jaaka Jesu, re tshwanetse go letla gore tsholofelo, boipelo le boitshoko di dirisane mmogo go re solegela molemo. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ipeleng mo tsholofelong.” Go tswa foo o ile a oketsa jaana: “Itshokeng mo pitlaganong.” (Baroma 12:12) A gone jaanong o lebane le teko e kgolo e e go lekang tumelo? Fa go le jalo, leba kwa pele. O se ka wa lebala gore boitshoko jwa gago bo tla dira gore leina la ga Jehofa le bakwe. Nna o akantse thata ka tsholofelo e e molemo ya Bogosi. Ipone o le mo lefatsheng le lesha le le tlang la Modimo, o bo o ikakanye o itumelela masego mo Paradaiseng. Go nna re letetse go diragadiwa ga dilo tse di molemo tse Jehofa a di solofeditseng—tse di akaretsang go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe, go nyelediwa ga boikepo mo lefatsheng le go fedisiwa ga bolwetse le loso—go tla tlatsa pelo ya gago ka boipelo mme boipelo joo bo ka go thusa go itshoka go sa kgathalesege diteko tse o lebanang le tsone. Pogo epe fela e re lebanang le yone mo tsamaisong eno ya dilo ruri ke “ya nakwana e bile [e] motlhofo” fa e bapisiwa le go diragadiwa ga tsholofelo ya Bogosi.—2 Bakorintha 4:17.
‘Latela Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi’
20, 21. Malebana le boitshoko, ke eng se Jehofa a se lebeletseng mo go rona, mme re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?
20 Jesu o ne a itse gore go nna molatedi wa gagwe e ne e tla nna kgwetlho e kgolo, tsela e e tlhokang motho boitshoko. (Johane 15:20) O ne a ipaakanyeditse go etelela pele, a itse gore sekao sa gagwe se tla nonotsha ba bangwe. (Johane 16:33) Ke boammaaruri gore Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boitshoko e le motho yo o itekanetseng, mme gone rona ga re a itekanela. Jehofa o lebeletse eng mo go rona? Petere o tlhalosa jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Mo tseleng e Jesu a neng a lebana le diteko ka yone, o ne a re “tlogelela sekao” se re ka se etsang.a Rekoto ya boitshoko e a itiretseng yone e ka tshwantshiwa le “dikgato” kana motlhala wa maoto. Re ka se kgone go latela dikgato tseo ka botlalo, mme gone re ka kgona go di latela “gaufiufi.”
21 Ka gone, a re ititeyeng sehuba go etsa sekao sa ga Jesu ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng. A le ka motlha re se lebale gore fa re latela dikgato tsa ga Jesu ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng, seo se tla re thusa go iketleeletsa thata go itshoka “go ya bokhutlong”—bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo kgotsa bokhutlo jwa botshelo jwa rona jwa gone jaanong. Ga re itse gore ke bofe jo bo tla tlang pele, mme gone se re se itseng ke se: Jehofa o tla re duelela boitshoko jwa rona ka bosakhutleng.—Mathaio 24:13.
a Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “sekao” fa le ranolwa fela jaaka le ntse le kaya “sekaelo se go kopololwang mo go sone.” Moaposetoloi Petere ke ene fela mokwadi wa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika yo o dirisang lefoko leno, le go tweng le kaya “‘khopi e go kopololwang mo go yone’ ya buka e ngwana a kwalang dintlha mo go yone, sekaelo se ngwana a tshwanetseng go kopolola se se kwadilweng mo go sone a se kopolola fela jaaka se ntse ka botlalo ka mo a ka kgonang ka teng.”