Thulaganyo ya Beke ya February 16
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 16
Pina 98
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Genesise 29-31
No. 1: Genesise 29:1-20
No. 2: Lebaka La go Bo re Tshwanetse go ‘Tlogela go Tlhobaela’ (Math. 6:25)
No. 3: Go Utlwa Go a Go Sireletsa (lr-TN kgao. 7)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 172
5 mets: Dikitsiso.
15 mets: “Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Dikgang Tse di Molemo.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo.
15 mets: A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang ka Paka Eno ya Segopotso? Puo e e neelwang ka matlhagatlhaga ke molebedi wa tirelo. Tlhalosa ditshwanelego tsa go nna mmulatsela yo o thusang. Gatelela boipelo le masego a go nna mmulatsela yo o thusang. Tlhalosa dithulaganyo tse di oketsegileng tsa dipokano tsa tirelo ya tshimo mo dikgweding tsa March, April, le May. Botsolotsa baboledi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba e neng e le babulatsela ba ba thusang mo ngwageng o o fetileng. Ke diphetogo dife tse ba neng ba di dira mo dithulaganyong tsa bone? Ba ne ba ipelela masego afe? Kgothaletsa lelapa lengwe le lengwe go sekaseka gore le ka dira jang gore a le mongwe kgotsa ba le mmalwa mo lelapeng ba nne babulatsela ba ba thusang mo pakeng e e tlang ya Segopotso.
Pina 151