Thulaganyo ya Beke ya March 30
BEKE E E SIMOLOLANG KA MARCH 30
Pina 217
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
lv-TN kgao. 3 ¶8-15, lebokoso le le mo ts. 30
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Ekesodo 1-6
No. 1: Ekesodo 1:1-19
No. 2: Jesu o re Ruta go Rapela (lr-TN kgao. 12)
No. 3: A Phodiso ya Kgakgamatso mo Motlheng wa Rona e Dirwa ka Moya wa Modimo? (rs-TN ts. 318 ¶2-ts. 319 ¶3)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 128
5 mets: Dikitsiso. Akaretsa dikitsiso dipe fela tsa bofelo tse di malebana le Segopotso. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa March.
15 mets: Iketleeletse go Thusa Batho ba ba Kgatlhegang ba ba Tlileng Segopotsong. Puo e e neelwang ke molebedi wa tirelo a gakolola baboledi ka seabe sa bone sa go thusa baithuti ba Baebele, baboledi ba ba tsidifetseng le batho ba bangwe ba ba nnang teng mo Segopotsong, ba ba jaaka batho ba re ba tlwaetseng le ba lelapa. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2008 tsebe 4.) Akaretsa pontsho e khutshwane e e bontshang kafa go ka simololwang thuto ya Baebele ka gone le motho yo o kgatlhegang yo o neng a le teng. Gakolola botlhe ka mmalo wa Baebele wa Segopotso o o tla simololang ka Sontaga ka April 5. Go ka neelwa dikakantsho tse di ka thusang malebana le kafa seno se ka dirwang ka gone.
15 mets: DVD ya “The Bible—A Book of Fact and Prophecy.” Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
Pina 213