Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo October 1
“Batho ba le bantsi gompieno ga ba tlhole ba na le tumelo mo Mmoping. O akanya gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ditemana tseno di tlhalosa sengwe se e ka tswang e le lebaka. [Bala Habakuke 1:2, 3.] Setlhogo seno se thusa go araba dingwe tsa dipotso tse gantsi di bodiwang ka Modimo tse di dirileng gore batho ba se ka ba dumela mo go ene.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 11.
Tsogang! October
“A o a dumela gore malapa a le mantsi a lebana le dikgwetlho gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ga ba itse ka kgakololo e e mosola e e mo Baebeleng. Sekai ke seno. [Bala temana e e leng mo makasineng.] Kgatiso e e kgethegileng eno ya Tsogang! e bontsha kafa melaometheo ya Baebele e ka thusang malapa go lepalepana ka katlego le maemo a a farologaneng ka teng.”
Tora ya Tebelo November 1
“A o akanya gore sengwe le sengwe se se rutiwang kwa dikerekeng se tswa mo Baebeleng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re tlhagisa gore re nne kelotlhoko gore re se ka ra tsiediwa ka maaka. [Bala Bakolosa 2:8.] Makasine ono o senola dithuto di le thataro tse di tlwaelegileng tse di thulanang le Lefoko la Modimo.”
Tsogang! November
“Didirisiwa tse di jaaka difouno tsa selula le dikhomputara e setse e le karolo ya botshelo. A o akanya gore go dirisa thekenoloji go boloka nako kgotsa go a e senya? [Mo letle gore a arabe.] Ba le bantsi ba tla dumalana le kgothatso eno ya gore re dirise nako ka botlhale. [Bala Baefeso 5:15, 16.] Makasine ono o sekaseka ditsela tsa kafa re ka dirisang thekenoloji ka tsela e e tekatekano le e e supang go akanyetsa ba bangwe ka teng.”