Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo May 1
“Lefatshe le ka bo le farologane ka tsela efe fa mongwe le mongwe a ka bo a latela mafoko ano a ga Jesu? [Bala Mathaio 7:12. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlotla ka dingwe tsa dithuto tsa ga Jesu tse di bontshang gore tota go akaretsa eng go nna Mokeresete.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 16.
Tsogang! May
“A o akanya gore go ise go ye kae ikonomi e tla tokafala? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ga ba itse kafa Baebele e ka re thusang ka teng mo dinakong tseno tse di thata. [Bala temana e e mo setlhogong.] Setlhogo seno se bontsha kafa kgakololo e e tswang mo Baebeleng e ka re thusang ka teng go itshoka mo nakong eno ya ikonomi e e sa tlhomamang.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 18.
Tora ya Tebelo June 1
“Go farologana le dingwaga tse di fetileng, dikereke di le dintsi gompieno ga di bue ka boleo. A o akanya gore boleo ke kgopolo e e siilweng ke nako, kgotsa a ke sengwe se re tlhokang go tshwenyega ka sone? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Baroma 5:12.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se bolelang ka boleo.”
Tsogang! June
“Go bonala botshelo bo nna bo ntse bo ngomola pelo le go feta. A o dumalana le seo? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba akanya gore mafoko ano a tlhalosa lebaka la go bo go na le go ngomoga pelo go gontsi jaana. [Bala 2 Timotheo 3:1.] Makasine ono o sekaseka kafa go ngomoga pelo go re amang ka teng. Mme gape o re naya dintlha dingwe tse di ka re thusang malebana le kafa re ka laolang go ngomoga pelo ka teng.”