LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/10 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Kafa Dimakasine di ka Buelelwang ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 3/10 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo March 1

Bala Ekesodo 20:15. Go tswa foo o bo o re: “Le fa ba le bantsi ba leka go latela taelo eno, bangwe ba akanya gore go utswa le mefuta e mengwe ya go sa ikanyege, e ka tsewa e siame mo maemong a a thata. Wena o akanya jang? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlotla ka mosola wa go ikanyega ka metlha.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 12.

Tsogang! March

“Batho ba le bantsi ba tlotla Baebele mme ba akanya gore bontsi jwa yone ga bo botlhokwa thata mo motlheng wa rona. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Baroma 15:4.] Setlhogo seno se tlhalosa lebaka la go bo tota le dikarolo tse di kgologolo tsa Baebele di sa ntse di le botlhokwa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 28.

Tora ya Tebelo April 1

“Fa batho ba kopiwa gore ba tlhophe monna yo o nnileng le tlhotlheletso e kgolo go gaisa mo hisitoring, ba le bantsi ba tlhopha Jesu. A le wena o tlhopha ene? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go sekaseka dikgopolo tse di ganetsanang malebana le ene gore re tle re itse boammaaruri. [Bala Johane 17:3.] Kgatiso eno e e kgethegileng ya Tora ya Tebelo e bontsha se tota Baebele e se bolelang malebana le Jesu le dithuto tsa gagwe.”

Tsogang! April

“Go bonala re se na nako e e lekaneng ya go dira sengwe le sengwe se re batlang go se dira. A o dumalana le seo? [Mo letle gore a arabe.] Ba le bantsi ba fitlhetse kgakololo eno e thusa. [Bala Bafilipi 1:10.] Makasine ono o re neela dikakantsho tse di mosola tse di ka re thusang go laola nako ya rona ka tsela e e molemo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela