Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo March 1
“Go na le maikutlo a a ganetsanang ka ga Jesu. A o mo leba e le morwa Modimo kgotsa monna fela yo o siameng?” Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, balang dipotso tse di kwadilweng ka ditlhaka tsa bontsho jo bo tseneletseng tse di mo tsebe 16-17 le nngwe ya ditemana tse di umakilweng. Mo neele dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.
Tsogang! March
Fa o kopana le motho yo mosha, mmontshe setlhogo se se simololang mo tsebe 26. Mmontshe setlhogwana sa ntlha mme o bo o mmotsa jaana, “A o akanya gore mafoko ano a boammaaruri kgotsa ke maaka? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, bala 2 Bakorintha 7:1.] Setlhogo seno se tlotla ka se o tshwanetseng go se itse ka go goga motsoko le kafa o ka tlogelang ka teng.”
Tora ya Tebelo April 1
“Batho ba le bantsi ba dumela dilo tse di farologaneng ka Jesu. A o akanya gore go botlhokwa go itse boammaaruri ka ene? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, bala Johane 17:3.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e se bolelang ka Jesu—gore o tswa kae, o ne a tshela jang le lebaka la go bo a ile a swa.”
Tsogang! April
“A o ka dumela gore go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang ke nngwe ya dilo tse di boima tse motho a ka lebanang le tsone? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba fitlhetse kgakololo eno e thusa. [Bala Pesalema 55:22.] Makasine ono o tlotla ka ditsela dingwe tse di thusang go lepalepana le khutsafalo le kafa re ka latlhelang mokgweleo wa rona mo Modimong ka gone.”