Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka May
“A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela bosula le pogo? [Mo letle gore a arabe.] Nka rata go go bontsha sengwe se se kgatlhang ka kgang eno.” Balang mmogo tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana se se mo tsebe 16 sa makasine wa Tora ya Tebelo wa May 1 le nngwe ya ditemana tse di umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.
Tora ya Tebelo May 1
Bala Pesalema 37:10, 11. Go tswa foo o bo o re: “A o akanya gore re tla bona tsholofetso eno e diragadiwa mo nakong e e sa fediseng pelo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dikarolo di le thataro tse di farologaneng tsa boporofeti jwa Baebele tse re di bonang di diragadiwa gone jaanong, tse di bontshang gore go diragadiwa ga tsholofetso eno ga go kgakala.”
Tsogang! May
“Bangwe ba re batho ke diphologolo fela tse di iphetogetseng ka botsone tsa maemo a a kwa godimo. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Pesalema 139:14.] Gone ke boammaaruri gore mopesalema o ne a se na kitso e ntsi ka dilo tse di gakgamatsang ka mmele wa motho. Makasine ono o tlotla ka se re se itseng gone jaanong, go akaretsa le gore ke eng se se dirang gore re farologane le diphologolo.”