LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/11 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Puisano
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 6/11 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go simolola dithuto tsa Baebele ka Matlhatso wa ntlha ka July

“Batho ba le bantsi ba ile ba boeletsa mafoko ano a Thapelo ya Morena: ‘A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e direge mo lefatsheng fela jaaka kwa legodimong.’ O akanya gore Bogosi joo ke eng? [Mo letle gore a arabe.] Temana eno ya Baebele e re naya ntlha e e ka re thusang.” Bala Daniele 2:44. Go tswa foo, neela mong wa ntlo khopi ya Tora ya Tebelo ya July 1 mme o bale le go tlotla le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo tsebe 16. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.

Tora ya Tebelo July 1

“E re ka botshelo bo le bokhutshwane e bile bo tletse ka mathata, batho ba le bantsi ba ipotsa ka bokao jwa botshelo. A o kile wa akanya ka gone? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e solofetsa gore botshelo bo ka se nne jaana goyagoile. [Bala Tshenolo 21:4.] Makasine ono o tlotla ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe e bile o bua ka dilo dingwe tse re ka di dirang gore re bone bokao jwa mmatota jwa botshelo le e leng gone jaanong.”

Tsogang! July

Umaka masetlapelo mangwe a go buiwang ka one mo dikgannyeng. Go tswa foo, o bo o re: “O akanya gore ke eng fa Modimo a letlelela dilo tse di ntseng jalo go direga? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Baebele, Modimo o utlwela batho ba ba bogang botlhoko. [Bala Ekesodo 3:7.] Gape Baebele e re bolelela gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo le gore go ise go ye kae o tla e fedisa ka bosakhutleng. Makasine ono o tlhalosa kgang eno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela