LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/11 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Puisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 7/11 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka August

“Batho ba na le madumedi a a farologaneng e bile ba obamela Modimo ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. O akanya gore Modimo o ikutlwa jang ka seo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Jesu o ne a ruta eng ka kgang eno.” Neela mong wa ntlo khopi ya Tora ya Tebelo ya August 1 mme o bale le go tlotla le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo tsebe 16 o bo o bala le ene bobotlana temana e le nngwe. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.

Tora ya Tebelo August 1

“A bana ba tshwanetse go rutwa ka Modimo fa ba sa ntse ba le bannye kgotsa a go botoka go leta go fitlha ba godile mme o ba letle go itlhophela tumelo ya bodumedi e ba e batlang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele e laela borre gore ba dire eng. [Bala Baefeso 6:4.] Makasine ono o neela batsadi dintlha dingwe tse di ka ba thusang gore ba ka ruta bana ba bone jang ka Modimo.”

Tsogang! August

“Nka rata go utlwa gore o akanya eng ka temana eno. [Bala 1 Samuele 16:23.] Go ya ka temana eno, mmino o maatla. A o akanya gore go a kgonega gore dipina dingwe di nne le tlhotlheletso e e sa siamang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dintlha tse di ka re thusang go tlhopha mmino ka botlhale le kafa re ka thusang bana ba rona ka teng gore le bone ba dire jalo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela