LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/12 ts. 8
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 7/12 ts. 8

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka August

“Gantsi batho gompieno ba leba Jesu ka tsela e a neng a ntse ka yone dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, gongwe e le ngwana a le mo bojelong jwa diruiwa kgotsa e le monna yo o akgegang mo koteng ya tlhokofatso. Le fa go ntse jalo, o akanya gore ke eng se Jesu a se dirang gone jaanong? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se se buiwang fano.” Naya mong wa ntlo makasine wa Tora ya Tebelo ya August 1 mme lo bo lo tlotla ka dintlha tse di ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo go tsebe 16 lo bo lo bala bobotlana lekwalo le le lengwe. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boa le tla go tlotla ka potso e e latelang.

Tora ya Tebelo August 1

“Batho ba le bantsi ba dumela mo dikgakgamatsong. Ba bangwe ba a di belaela. A tota o akanya gore dikgakgamatso di a direga? [Mo letle gore a arabe.] Tsholofetso eno ya kgakgamatso e e tla diregang mo isagweng e neile batho ba le bantsi tsholofelo. [Bala nngwe ya ditemana tse di bontshitsweng mo go tsebe 9-10.] Makasine ono o araba dipotso di le tharo tse di tlwaelegileng tse di buang ka dikgakgamatso.”

Tsogang! August

“Gompieno, batho ba le bantsi ba tshaba go tsamaya ba le bosi segolobogolo fa go nna lefifi. A o akanya gore go na le sengwe se se ka dirwang go fokotsa thubakanyo mo lefatsheng leno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka dingwe tsa dilo tse rotlhe re ka kgonang go di dira gore re nne le kagiso le batho ba bangwe. Gape e bontsha kafa boporofeti jono jo bo kgothatsang bo tla diragadiwang ka teng.” Bala Pesalema 72:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela