LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/13 ts. 8
  • Dikai Tsa Puisano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Puisano
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 6/13 ts. 8

Dikai Tsa Puisano

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha wa July

“Bontsi jwa batho ba ba mo lefelong la rona, ba ka rata go tshela botshelo jo boleele ba itumetse. Ka jalo, re rata go utlwa gore o akanya eng ka potso eno: A o akanya gore ka letsatsi lengwe saense le melemo di ka re thusa go tshelela ruri? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se se buiwang fano.” Mmontshe tsebe e e kwa morago ga Tora ya Tebelo ya July 1 lo bo lo sekaseka tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha mmogo le go bala bobotlana temana e le nngwe ya tse di umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boela kwa go ene gore lo sekaseke potso e e latelang.

Ela tlhoko: Go tshwanetse ga dirwa pontsho ya puisano eno ka nako ya pokano ya tirelo ya tshimo ka July 6.

Tora ya Tebelo July 1

“Batho ba le bantsi ba re buileng le bone ba na le bodumedi jwa bone. Mme bangwe ba re ga ba tlhole ba ikanya bodumedi gotlhelele. Wena o ikutlwa jang ka bodumedi? [Mo letle gore a arabe.] Jesu o re file molao o o ka re thusang go sekaseka bodumedi. [Bala Luke 6:44a.] Makasine ono o bua ka dilo tse di bosula tse di diregang ka ntlha ya bodumedi. Gape o araba potso e e reng: A madumedi otlhe a ka ikanngwa?”

Tsogang! July

“Re etela baagelani ba rona go tla go tlotla le bone ka bothata jo bo sa jeseng diwelang—tshiamololo. Batho ba bangwe ba lwantsha tshiamololo ka go dira ditshupetso. A o akanya gore batho ba ba dirang ditshupetso ba kgona go tlisa diphetogo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya re ke eng se se tla tlisang diphetogo tsa mmatota mo lefatsheng. [Bala Mathaio 6:9, 10.] Makasine ono o araba potso e e reng: A ditshupetso di rarabolola mathata?”

Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!

“Re etela malapa a a mo seterateng sa lona go bua le one ka ntlha e e kgothatsang go tswa mo Baebeleng. Batho ba le bantsi ba re buileng le bone ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a ka letla gore go nne le pogo e e kana kana mo lefatsheng. A o akanya gore pogo e ne e le mo boikaelelong jwa Modimo jwa ntlhantlha ka lefatshe?” Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, bula Thuto 5, o bo o bala le go sekaseka dirapa tse pedi tsa ntlha le ditemana tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng. Tsamaisa boroutšhara mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boela kwa go ene gore lo tle go sekaseka potso e e latelang e e kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela