Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka October
“Re etela baagelani ba rona ka bokhutshwane fela gompieno. Batho ba le bantsi ba re buileng le bone ba re maemo a a boima thata a ba kileng ba lebana le one e ne e le go swelwa ke mongwe yo ba mo ratang. A le wena o ikutlwa jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ke fitlhetse mafoko ano a kgothatsa.” Mmontshe setlhogo se se ka fa morago mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, mme lo sekaseke mmogo tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha le temana le fa e ka nna nngwe fela e e umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boela kwa go ene gore lo sekaseke potso e e latelang.
Tora ya Tebelo October 1
“Re etela batho ka bokhutshwane go ba kgothaletsa go bala Baebele. Re itse gore batho bangwe ba kgatlhegela Baebele mme ba bangwe bone ga ba e kgatlhegele. Wena? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e itlhalosa jaana ka mafoko a a utlwalang sentle. [Bala 1 Bathesalonika 2:13.] Ke solofela gore o tla dumalana le nna gore fa e le gore ruri Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong, go raya gore re tshwanetse go e bala. Makasine ono o tlhalosa ka bokhutshwane gore Baebele e bua ka eng le gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go e kgatlhegela.”
Tsogang! October
“Nka rata go utlwa gore o akanyang ka potso eno: A re ka kgona go kgotsofala le fa re se na madi a mantsi? [Mo letle gore a arabe.] Utlwa gore Baebele ya reng. [Bala 1 Timotheo 6:8.] Makasine ono o tlhalosa tsela e e tshwanetseng ya go leba dithoto e bile o tlhalosa dilo tse tharo tsa botlhokwa tse di ka se rekweng ka madi.”