Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka October
“Mo metlheng eno e e thata, rotlhe re lebana le dikgwetlho tse di ngomolang malapa pelo. O akanya gore re ka bona kae kaelo e e ikanyegang e e ka re thusang go dira gore botshelo jwa malapa a rona bo itumedise?” Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, neela mong wa ntlo khopi ya Tora ya Tebelo ya October 1 mme o tlotle le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga nngwe ya ditlhogwana tse di mo tsebe 16 le 17, o bo o bala le ene bobotlana temana e le nngwe e e umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka nngwe ya dipotso tse dingwe.
Tora ya Tebelo October 1
Mmontshe tsebe e e ka fa ntle ya makasine mme o bo o mmotsa go re, “O ne o tla ikutlwa jang fa o lemoga gore o ile wa bolelelwa maaka ka Modimo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Jesu a ileng a se bolela malebana le kafa re ka farologanyang maaka mo boammaaruring ka teng. [Bala Johane 17:17.] Ka jalo, ke Baebele fela e e re bolelelang boammaaruri ka Modimo. Makasine ono o tlotla ka maaka a le matlhano a a tlwaelegileng a a buiwang ka Modimo a Baebele e a senolang.”
Tsogang! October
“Gompieno re etela batho gore re thuse malapa. O akanya gore kgwetlho e kgolo e batsadi ba lebanang le yone fa ba godisa bana ke efe? [Mo letle gore a arabe.] Batsadi ba le bantsi ba ikaega ka Baebele gore e ba kaele. Ka sekai, mafoko ano a a botlhale a a thusa fa batsadi ba otlhaya bana. [Bala Baefeso 4:31.] Makasine ono o bontsha kafa kgakololo ya Baebele e ka thusang batsadi ka teng mo kgatong nngwe le nngwe ya go gola ga ngwana wa bone, go tloga mo boseeng go fitlha mo dingwageng tsa bolesome.”