LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/14 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 9/14 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka Diphalane

“Re etela baagelani ba rona ka bokhutshwane go tlotla le bone ka puso e e molemo. A o akanya gore go na le puso epe e e ka kgonang go rarabolola mathata a a jaaka thubakanyo le tshiamololo?” Mo letle gore a arabe. Gopotsa mong wa ntlo gore mo Thapelong ya Morena, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela puso e e ntseng jalo—Bogosi jwa Modimo—gore e tle. Mmontshe tsebe e e ka fa morago ya Tora ya Tebelo ya Diphalane 1, lo bo lo sekaseka mmogo tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha le bobotlana temana e le nngwe mo go tse di umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka potso e e latelang.

Tora ya Tebelo Diphalane 1

“Re tlotla ka bokhutshwane le baagelani ba rona ka mafoko a thapelo e e itsegeng e Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe. [Bala Mathaio 6:9, 10.] A o kile wa tlhalosediwa sentle gore Bogosi jwa Modimo ke eng le gore ke eng fa Jesu a ne a bua thata jaana ka jone fa a ruta? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se buang ka Bogosi jwa Modimo le masego a a molemo a bo tla a tlisang mo lefatsheng.”

Tsogang! Diphalane

“Re etile ka bokhutshwane go thusa batho go bona karabo ya potso eno. [Mmontshe tsebe e e ka fa ntle ya makasine.] A o akanya gore motho o tshwanetse a bo a na le madi gore a atlege ka tsela ya mmatota? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re thusa go leba dikhumo ka tsela e e siameng. [Bala Luke 12:15.] Baebele ya re mongwe le mongwe a ka bona katlego ya mmatota. Makasine ono o tlhalosa seo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela