LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/12 ts. 8
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Puisano
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 3/12 ts. 8

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka April

“Kolobetso ke selo se se tlwaelegileng mo Bakereseteng ba le bantsi. O akanya eng? A kolobetso e botlhokwa? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se na le dintlha tse di kgatlhang.” Neela mong wa ntlo Tora ya Tebelo ya April 1, mme lo bo lo tlotla ka dintlha tse di mo setlhogwaneng sa ntlha se se mo tsebe 16 mme o bale le ene bobotlana temana e le nngwe. Mo neye dimakasine o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.

Tora ya Tebelo April 1

“Batho ba na le dikgopolo di le dintsi ka Jesu. Bangwe ba akanya gore e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. Ba bangwe ba re e ne e le monna fela yo o molemo. Go ntse go le jalo ba bangwe bone ba dumela gore ga a ise a ko a tshele. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Baebele, go botlhokwa go itse boammaaruri ka ga Jesu. [Bala Johane 17:3.] Makasine ono o bontsha dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di tlwaelegileng ka ga Jesu.”

Tsogang! April

“Re mo letsholong la go thusa malapa. A o a dumela gore malapa a lebane le dikgwetlho tse dintsi gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore malapa a le mantsi a bona kae kgakololo e e molemo. [Bala Pesalema 119:105.] Makasine ono o bontsha kafa malapa a motsadi wa bobedi a ileng a kgona ka gone go rarabolola dikgwetlho tse di sa tlwaelegang tse ba neng ba lebane le tsone ka go latela melaometheo ya Baebele.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela