Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka January
“Re ka rata go utlwa gore o akanya eng. O ne o ka re leina la Modimo ke mang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se re se balang mono.” Naya mong wa ntlo Tora ya Tebelo ya January 1, mmontshe setlhogo se se kafa morago mo makasineng mme lo sekaseke mmogo tshedimosetso e e mo setlhogwaneng sa ntlha le bobotlana temana e le nngwe. Mo neye dimakasine o bo o rulaganye go boela gore lo tlotle ka potso e e latelang.
Tora ya Tebelo January 1
“Batho ba le bantsi ga ba bolo go bua ka bofelo jwa lefatshe. A o akanya gore re tshwanetse go boifa bofelo jwa lefatshe? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka seno, go tla nna le batho ba ba tla falolang. [Bala 1 Johane 2:17.] Makasine ono o na le dikarabo tse nnè tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse batho ba le bantsi ba di botsang malebana le bofelo jwa lefatshe.”
Tsogang! January
“Re etetse malapa go tlotla le one ka tshedimosetso nngwe e e solegelang malapa molemo. A o akanya gore go botlhokwa gore malapa a dirise mafoko ano a ga Jesu? [Bala Ditiro 20:35b. Go tswa foo o bo o mo letla gore a arabe.] E ka nna kgwetlho tota go ruta bana gore ba se ka ba nna pelotshetlha mo lefatsheng le mo go lone ba le bantsi ba ikakanyetsang. Setlhogo seno se bontsha dingwe tsa ditsela tse di molemo tse batsadi ba ka godisang bana ba bone ka tsela e e tla dirang gore ba akanyetse ba bangwe.”