Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka November
“Bontsi jwa rona re batla puso e e molemo. O akanya gore ke puso e e ntseng jang e e ka kgonang go rarabolola mathata a batho? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se se buiwang fano.” Naya mong wa ntlo makasine wa Tora ya Tebelo ya November 1, mme lo tlotle ka dintlha tsa setlhogwana sa ntlha se se mo go tsebe 16 lo bo lo bala bobotlana temana e le nngwe. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boa lo tla go tlotla ka potso e e latelang.
Tora ya Tebelo November 1
“Re ka rata go utlwa gore wena o akanyang ka kgang eno. Fa o ne o ka botsa Modimo potso e le nngwe, o ne o tla mmotsa efe? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka se Jesu a neng a se bua, ga go phoso go batla dikarabo tsa dipotso tse tota re batlang go itse ka tsone. [Bala Mathaio 7:7.] Makasine ono o tlotla ka dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tseno tse tharo tsa botlhokwa.” Bontsha mong wa ntlo dipotso tse di kwa tlase mo go tsebe 3.
Tsogang! November
“Gompieno re mo letsholong la go thusa malapa. Go tlwaelegile thata gore malapa a le mantsi a na le motsadi a le mongwe. A o akanya gore dikgwetlho tse ba lebanang le tsone di dintsi go feta tsa malapa a a nang le batsadi ba le babedi? [Mo letle gore a arabe.] Batsadi ba le bantsi ba thusitswe ke Baebele. [Bala 2 Timotheo 3:16.] Makasine ono o bontsha dikakantsho tse di ka thusang malapa a motsadi a le mongwe go atlega mo boikarabelong jo bontsi jo ba nang le jone.”