LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/11 ts. 8
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 10/11 ts. 8

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka November

“A o akanya gore batho ba ba lekang go ikobela Modimo ba itumetse le go feta? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se na le dintlha dingwe tse di kgatlhang.” Neela mong wa ntlo khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo ya November 1 mme o tlotle le ene ka tshedimosetso e e kafa tlase ga sengwe sa ditlhogwana tse di mo tsebe 16-17. Bala bobotlana nngwe ya ditemana. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.

Tora ya Tebelo November 1

“Batho bangwe ba akanya gore se Baebele e se bolelang ka tlhakanelodikobo se fetilwe ke nako le gore e na le dithibelo tse di sa tlhokegeng. Ba bangwe ba dumalana le Baebele. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se temana eno e se bolelang malebana le gore melao ya Baebele e tswa kae. [Bala 2 Timotheo 3:16.] Makasine ono o bontsha kafa Baebele e arabang ka gone dipotso di le lesome tse gantsi di bodiwang ka tlhakanelodikobo. Gape e tlhalosa kafa melao ya Baebele e re solegelang molemo ka gone.”

Tsogang! November

“Fa re lebelela ka kelotlhoko lobopo lo lo re dikologileng, o akanya gore seno se dira gore re swetse ka go reng—gore go na le Mmopi kgotsa gore a sengwe le sengwe se nnile gone ka bosone fela? [Mo letle gore a arabe.] Seno ke se mokwadi mongwe wa Baebele a neng a konela ka sone fa a ne a lebelela lobopo. [Bala Baroma 1:20.] Makasine ono o tlhalosa sengwe se baitsesaense ba se lemogileng ka sele ya motho se se re nayang tshedimosetso malebana le kgang eno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela