LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/10 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 2/10 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo February 1

“Bontsi jwa rona re na le bodumedi jwa rona. A o akanya gore go a kgathalesega mo Modimong gore re tlhopha go mo obamela jang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Mathaio 15:9.] Setlhogo seno se sekaseka dikarolo di le nnè tsa kobamelo ya boammaaruri jaaka Jesu a ile a e tlhalosa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 16.

Tsogang! February

“Bangwe ba dumela mo Mmoping mme ba bangwe ba akanya gore go dumela jalo ga go tsamaisane le saense e bile ga go utlwale. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Baebele, tumelo ya mmatota e theilwe mo bosuping. [Bala Bahebera 11:1.] Setlhogo seno se sekaseka bosupi bongwe jo bo bontshang gore go na le Mmopi.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 22.

Tora ya Tebelo March 1

“A o tsaya Baebele jaaka Lefoko la Modimo kgotsa a o akanya gore ke buka e e molemo fela? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Baebele ka boyone e se bolelang. [Bala 2 Timotheo 3:16, 17.] Makasine ono o tlhalosa kafa o ka dirang tshwetso ka teng fa o setse o na le kitso ka kgang eno le gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira jalo.”

Tsogang! March

“Jaaka batho ba le bantsi, gongwe le wena o rata bontle jwa tlholego. A o tla dumela gore dilo tsa tlholego di bontsha gape gore di bopilwe ka botlhale? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Pesalema 104:24.] Makasine ono o umaka dikai tse di kgatlhang tsa go bopiwa ga dilo tsa tlholego mme o tlhalosa gore dilo tseno di re ruta eng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela