LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/10 ts. 2
  • Tiro e e Botlhokwa Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro e e Botlhokwa Thata
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Thusa mo Tirong ya go Dira Barutwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Rera o Tlhagafetse Jaaka Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Re Tshwanetse go Ipoloka re Tlhagafetse mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Go Itsise Batho Leina la Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 3/10 ts. 2

Tiro e e Botlhokwa Thata

1. Fa re nna le kanaanelo e kgolo ka bodiredi go tla re tlhotlheletsa jang go intsha setlhabelo?

1 Ke eng fa ka metlha re kgothalediwa go dirisa nako ya rona, maatla a rona le dithoto tsa rona mo bodireding? Ka gonne ga go na tiro epe e e botlhokwa jaaka eno! Fa re akanya ka matswela a magolo a yone go tla oketsa keletso ya rona ya go batla go nna le seabe mo tirong eno e e se kitlang e boelediwa gape.—Dit. 20:24.

2. Tiro ya rona ya go rera e thusa jang go itshepisa leina la ga Jehofa le legolo?

2 E Itshepisa Leina la ga Jehofa: Tiro ya go rera e gatelela gore Bogosi jwa ga Jehofa jo Keresete Jesu a tla busang mo go jone bo tla busa mo boemong jwa mebuso yotlhe mme bo tla rarabolola mathata otlhe a batho. (Math. 6:9, 10) Jehofa o tlotlomadiwa e le ene fela yo o ka kgonang go re golola mo bolwetseng le mo losong. (Isa. 25:8; 33:24) E re ka re sikere leina la gagwe, batho ba bangwe ba ba lebileng boitshwaro jwa rona jo bontle le tlhoafalo ya rona ba ka mo galaletsa. (1 Pet. 2:12) A bo go re kgotsofatsa jang ne go itsise leina la Morena Molaodimogolo e bong Jehofa mo lefatsheng lotlhe!—Pes. 83:18.

3. Batho ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi ba nna le masego afe?

3 E Boloka Matshelo: Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9) Le fa go ntse jalo, fa go se na ope yo o ba rutang, ba tla itse jang gore ke eng se Jehofa a se tsayang e le boitshwaro jo bo siameng kgotsa jo bo sa siamang? (Jona 4:11; Bar. 10:13-15) Fa batho ba tsibogela dikgang tse di molemo, boleng jwa matshelo a bone bo a tokafala fa ba tlogela ditiro tse di kotsi. (Mika 4:1-4) Mo godimo ga moo, ba nna le tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng. Go rera le go ruta ga rona ka tlhoafalo go boloka rona le batho ba ba re reetsang. (1 Tim. 4:16) A bo re na le seabe se se tlotlegang jang ne mo tirong eno e e botlhokwa thata!

4. Ke eng fa re tshwanetse go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong eno ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa?

4 Go ise go ye kae pitlagano e kgolo e tla fedisa lefatshe leno le le sa siamang go sa lebelelwa. Batho ba ba leng mo letlhakoreng la ga Jehofa ba tla falola. Ka jalo, go rera le go dira barutwa ke tiro e e potlakileng thata, e e botlhokwa thata le e e solegelang batho molemo e e dirwang gompieno. E kete re ka dira gore e nne yone e e tlang pele mo matshelong a rona!—Math. 6:33.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela