Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo August 1
“O akanya gore batho ba tlhoka eng gore ba itumele? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Mathaio 5:3.] Seno ke sengwe sa dilo tse Jesu a neng a di bua malebana le boitumelo. Setlhogo seno se bontsha kafa re ka ithutang ka teng mo go Jesu malebana le go bona boitumelo jwa mmatota.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 16.
Tsogang! August
“Difilimi di le dintsi gompieno di bua thata ka bodimona le boloi. A o akanya gore tota madimona a teng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala 1 Bakorintha 10:20.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se buang ka madimona le kafa re ka itshireletsang mo go one ka teng.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 20.
Tora ya Tebelo September 1
Umaka sengwe se go neng go buiwa ka sone mo dikgannyeng se se tshwentseng batho ba mo lefelong la lona. Go tswa foo o bo o re: “A o kile wa ipotsa gore ke eng fa batho ba dira dilo tse di bosula jalo? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re naya lebaka la go nna le tsholofelo. [Bala 2 Petere 3:13.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se buang malebana le se se bakang bosula le kafa Modimo a tla tlogang a fedisa dilo tse di bosula ka teng.”
Tsogang! September
“A o akanya gore difouno tsa selula, di-e-mail, Internet le ditsela tse dingwe tsa segompieno tse di dirisiwang go ikgolaganya le batho di ile tsa fokotsa go jewa ke bodutu kgotsa di go okeditse? [Mo letle gore a arabe.] Kakantsho nngwe e e ka re thusang go lepalepana le go jewa ke bodutu ke eno. [Bala Ditiro 20:35.] Makasine ono o re naya kgakololo e e oketsegileng e e mosola e e tswang mo Baebeleng.”