“Go Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo
1. Re tla ithuta eng mo Thutong ya Baebele ya Phuthego ka beke e e simololang ka March 14?
1 Ka beke ya March 14, 2011, re tla bo re simolola go ithuta buka ya “Go Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo mo Thutong ya Baebele ya Phuthego. Kgatiso eno e sobokanya buka ya Ditiro ka tsela e e dirang gore mmadi a ikutlwe a le karolo ya ditiragalo tse di kgatlhang tse di mo bukeng eno. Go na le gore buka eno ya Go Naya Bosupi e neele tlhaloso ya temana nngwe le nngwe, e re thusa go ithuta sengwe mo dipegong tsa buka ya Ditiro le go re thusa gore re bone kafa re ka dirisang dintlha tseo mo matshelong a rona ka teng.—Bar. 15:4.
2. Tlhalosa dingwe tsa dikarolo tse di leng mo bukeng ya Go Naya Bosupi.
2 Dikarolo Tsa Buka Eno: Mo matsenong a buka eno mo tsebe 2 go na le lekwalo le le amang pelo le le tswang kwa Setlhopheng se se Laolang le le tlhalosang kafa ba batlang gore re solegelwe molemo ka teng ke kgatiso eno. Go simolola ka kgaolo 2, go na le ntlhakgolo e e tlhalosang ntlha ya botlhokwa e go tlileng go tlotliwa ka yone mo kgaolong nngwe le nngwe mme Temana e e umakilweng e bontsha karolo e e tla sekasekiwang ya buka ya Ditiro. Dikgaolo di le dintsi di na le mabokoso a a nang le dintlha tse di oketsegileng tse di neelang tshedimosetso ka ga batho, mafelo kgotsa ditiragalo. Mo matlhakoreng a ditsebe tsa buka eno go na le diphatlha tse o ka kgonang go kwala dintlha mo go tsone. Gape go na le ditshwantsho tse dintle tse di bontshang ditiragalo tsa Baebele tse di ka re thusang go bona ditiragalo tsa botlhokwa ka leitlho la mogopolo mme mo tsebeng ya bofelo go na le kaedi ya ditshwantsho e e tlhalosang se se bontshiwang mo ditshwantshong tse di farologaneng. Mo teng ga khabara e e kwa pele le e e kwa morago go na le dimmapa tse di re thusang go bona kgatelopele ya badumedi ka rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga fa ba ne ba simolola go anamisa dikgang tse di molemo kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Dit. 1:8.
3. Go ithuta ga rona buka ya Ditiro go tla araba dipotso dife tse di botlhokwa?
3 Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa: Go sekaseka buka ya Ditiro go tla re thusa go lemoga sentle dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa ka bodiredi jwa Bokeresete. Ka sekai, ke tiro efe le molaetsa ofe o o tlhaolang balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete? Ke mang yo o kaelang tiro eno ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe mme o dira seo jang? Go bogisiwa le go ganediwa go dira gore badiredi ba nne le ditshono dife? Moya o o boitshepo o na le seabe sefe mo bodireding jwa rona?
4. Re ka solegelwa molemo jang ka botlalo ke go ithuta kgatiso eno?
4 Gore o tle o solegelwe molemo ka botlalo, ithute tshedimosetso e e mo bukeng eno e sa le gale mme o ipaakanyetse go nna le seabe mo motlotlong wa phuthego. Nna teng mo pokanong nngwe le nngwe mme o bone kafa o ka dirisang dithuto tse o di ithutileng ka teng mo bodireding jwa gago. E kete go ithuta kgatiso e e kgatlhang eno go ka re tlhotlheletsa go neela bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo!—Dit. 28:23.