Thusa Mong wa Ntlo go Ntsha Mabaka
1. Ke tsela efe e e leng molemolemo ya go buisana le batho mo bodireding?
1 Ke tsela efe e e nang le matswela a magolo ya go buisana le batho mo bodireding—a ke go gatelela kgopolo ya gago kgotsa ke go thusa mong wa ntlo go ntsha mabaka a gagwe le gore a dire ditshwetso tse di siameng? Moaposetoloi Paulo o ne a ntsha mabaka fa a ne a bua le Bajuda kwa Thesalonika mme “ka ntlha ya moo bangwe ba bone ba nna badumedi.” (Dit. 17:2-4) Go bontshana mabaka le ba bangwe go akaretsa eng?
2. Re ka etsa sekao sa ga Paulo jang fa re rera dikgang tse di molemo?
2 Akanyetsa Maikutlo a Bone Le se Ba se Dumelang: Gore o kgone go bontshana mabaka le batho mo tshimong, o tshwanetse go akanyetsa maikutlo a bone. Paulo o ne a simolola puo ya gagwe e a neng a e neela Bagerika ba ba sa dumeleng kwa Areopago ka go bua ka dilo tse ba neng ba di itse e bile ba di amogela. (Dit. 17:22-31) Ka jalo, fa o baakanyetsa puisano ya gago, akanyetsa dilo tse lo dumalanang ka tsone le dilo tse batho ba tshimo ya lona ba sa di rateng. (1 Bakor. 9:19-22) Fa mong wa ntlo a go ganetsa, leka go batla sengwe se lo ka dumalanang ka sone mme o bo o simolola puisano ya gago ka sone.
3. Re bontshana mabaka jang le batho ba bangwe ka tsela e e nang le matswela ka go dirisa dipotso ka botlhale?
3 Dirisa Dipotso ka Botlhale: Re ka se kgone go bontsha motho yo o mo loetong tsela ya go fitlha kwa a yang gone fa re sa itse kwa a leng gone ka nako eo. Ka tsela e e tshwanang, re ka se kgone go thusa mong wa ntlo go dira tshwetso e e siameng fa re sa itse tsela e a ikutlwang ka yone ka nako ya fa re buisana le ene. Pele Jesu a bontshana mabaka le motho yo o mo reeditseng, gantsi o ne a mmotsa dipotso go bona gore o akantse eng. Ka sekai, fa mongwe a ne a botsa Jesu a re: “Ke tla rua botshelo jo bosakhutleng ka go dira eng?,” Jesu o ne a batla go itse gore monna yoo o ne a akantse eng pele a mo araba. (Luke 10:25-28) Mo lekgetlhong le lengwe, fa Petere a ne a sa araba sentle, Jesu o ne a dirisa dipotso ka botlhale go baakanya mogopolo wa gagwe. (Math. 17:24-26) Ka jalo, fa mong wa ntlo a botsa potso kgotsa a bua sengwe se se phoso, re ka dirisa dipotso go mo thusa gore a ntshe mabaka a se a se buang.
4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go thusa mong wa ntlo go ntsha mabaka a gagwe?
4 Fa re thusa mong wa ntlo go ntsha mabaka a gagwe, re etsa Morutisi yo Mogolo e bong Jesu le bareri ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le bokgoni. Re naya mong wa ntlo seriti e bile re mmontsha tlotlo. (1 Pet. 3:15) Fa re dira jalo, seo se ka dira gore a re letle go boa gape.