Lebokoso la Dipotso
◼ Ke mang yo o tshwanetseng go tlatsa ditlankana le go dira dikopo mo Internet?
Gantsi dikgatiso tsa rona di na le ditlankana tse di ka tladiwang le go romelwa kwa ofising ya lekala go kopa dikgatiso kgotsa go kopa go etelwa ke Basupi ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, aterese ya rona ya Internet ya www.watchtower.org e ka dirisiwa go kopa thuto ya Baebele. Dithulaganyo tseno di thusa batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go ile ga nna le mathata fa baboledi ba ne ba dirisa didirisiwa tseno go dira dithulaganyo tsa gore ba masika a bone kgotsa batho ba bangwe ba thusiwe semoyeng.
Bangwe ba ba ileng ba romelelwa dikgatiso tse ba sa di kopang go tswa kwa ofising ya lekala ba ile ba ngongorega, ba akanya gore mokgatlho wa rona o a ba tshwenya le gore o ba tsentse mo lenaaneng lengwe la gore ba romelelwe dikgatiso ka metlha. Baboledi ba ba ileng ba kopiwa gore ba etele motho yo o neng a sa ikopela go etelwa ba ile ba iphitlhela ba le mo seemong se se sa itumediseng fa motho yoo a ne a bontsha gore o tenegile. Ka jalo, dikopo tse di dirwang mo atereseng ya rona ya Internet kgotsa ka ditlankana di tshwanetse go dirwa ke batho ba ba kgatlhegang ka bobone mme ga di a tshwanelwa go dirwa ke baboledi. Fa go lemogiwa gore dikopo tse di ntseng jalo di dirilwe ke mmoledi mongwe a direla motho yo mongwe, gantsi di a itlhokomolosiwa.
Ka jalo he, re ka thusa jang wa losika kgotsa mongwe yo re mo tlwaetseng semoyeng? Fa e le gore o ka rata gore a amogele dikgatiso, ke eng fa o sa mo di romelele ka tlhamalalo e le mpho? Fa e le gore motho yoo o bontshitse kgatlhego mme o batla go etelwa ke Basupi mme wena o sa itse gore o ka ikgolaganya jang le bagolwane ba phuthego ya lefelo le a leng mo go lone, o tshwanetse go naya mokwaledi wa phuthego ya lona foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) mme ene o tla e sekaseka a bo a e romela kwa ofising ya lekala. (Phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le diforomo tseno tse di lekaneng.) Le fa go ntse jalo, fa e le gore motho yo o kgatlhegang o kwa kgolegelong, kwa setheong sengwe sa batho ba ba sa diriseng diokobatsi sentle, kgotsa kwa kokelong ya puso, ga o a tshwanela go ikgolaganya le ofisi ya lekala mo boemong jwa gagwe. Go na le moo, o ka mo kgothaletsa gore a ikgolaganye le bakaulengwe ba ba etelang lefelo leo kgotsa gore a kwalele ofisi ya lekala ka boene.