LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/15 ts. 2
  • Lebokoso La Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso La Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Mekgwa ya go Rera Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Tsaya Kgato ka Bonako
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 7/15 ts. 2

Lebokoso La Dipotso

◼ A baboledi ba tshwanetse go dirisa Internet go rerela kgotsa go ithuta le batho ba ba sa ba itseng ba ba nnang kwa nageng e sele?

Baboledi bangwe ba ile ba dirisa Internet go ithuta Baebele le batho ba ba nnang kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone kgotsa kwa go se nang baboledi ba bantsi gone. Mo makgetlong a mangwe, go ile ga nna le diphelelo tse di molemo. Mme gone, go na le dikotsi dingwe tse di nnang gone fa baboledi ba naya batho ba ba sa ba itseng di e-mail tsa bone kgotsa ba tlotla le bone mo di chat room. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 2007, ts. 3.) Le fa gone baboledi bano ba na le maitlhomo a mantle a go batla batho ba ba batlang go ithuta Baebele, metlotlo eo e ka nna ya dira gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a iphitlhele a itsalanya le batho ba ba sa siamang, tota le go buisana le batlhanogi. (1 Bakor. 1:19-25; Bakol. 2:8) Mo godimo ga moo, mo dinageng tse tiro ya go rera ka Bogosi e thibetsweng mo go tsone, puso e ntse e etse tlhoko thata dipuisano tse di ntseng jalo mme seo se ka nna sa tsenya matshelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo kotsing. Ka jalo, baboledi ga ba a tshwanela go tsena mo Internet ka maikaelelo a go batla batho ba dinaga tse dingwe ba ba ka ithutang Baebele le bone.

Fa re rerela mongwe yo o etetseng naga ya rona, ga re a tshwanela go tswelela re ithuta le ene fa a boetse kwa nageng ya gaabo ntle le fa ofisi ya lekala e le yone e re laelang go dira jalo. Go na le moo, re ka nna ra mmontsha kafa a ka dirisang ka gone website ya jw.org go bona tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa kafa a ka ikgolaganyang ka gone le ofisi ya lekala e e mo nageng ya bone. Gape re ka mo kgothaletsa gore a etele Holo ya Bogosi e e mo lefelong le a nnang kwa go lone. Gone ke boammaaruri gore go na le dinaga tse di se nang Diholo Tsa Bogosi. Fa e le gore motho yoo o batla go etelwa ke Basupi ba lefelo le a nnang kwa go lone, re ka mmontsha kafa a ka tlatsang ka gone foromo ya Kopa Thuto ya Baebele ya Mahala mo jw.org. Ofisi ya lekala e e okametseng tiro ya naga e motho yo o kgatlhegang a nnang kwa go yone, e itse maemo a naga eo botoka e bile ke yone e kgonang go thusa motho yoo sentle.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2014, ts. 7, le ya November 2011 ts. 2.

Fa motho yo re ithutang le ene gone jaanong a fudugela kwa nageng e nngwe kgotsa fa gone jaanong re ithuta le motho yo o nnang kwa nageng e nngwe mme re kopane le ene mo Internet, re tshwanetse go latela kaelo eno. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra tswelela re ithuta le ene go fitlha go nna le mmoledi wa naga eo yo o tla kgonang go mo etela. Fa motho yoo a nna kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone, re tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa re bua ka dikgang tsa Baebele re dirisa makwalo, telefouno kgotsa didirisiwa dipe fela tsa eleketeroniki.—Math. 10:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela