Thulaganyo ya Beke ya December 12
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 12
Pina 43 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 14 ¶1-5, lebokoso le le mo ts. 112 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Isaia 6-10 (10 mets.)
No. 1: Isaia 6:1-13 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke ka Ntlha Yang Modimo a Letleletse Gore go Fete Nako e e Kana Pele a ka Senya Baikepi?—rs ts. 280 ¶5–ts. 281 ¶2 (5 mets.)
No. 3: Lebaka La go Bo Lorato Lo se Ke lo Fela—1 Bakor. 13:8; 1 Joh. 4:8 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso.
15 mets: Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2012. Puo e e neelwang ke molebedi wa sekolo. Tlotla ka dintlha tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko go tswa mo thulaganyong ya 2012. Tlotla ka maikarabelo a mogakolodi yo o thusang. Kgothaletsa botlhe gore ba dire dikabelo tsa bone ka botlalo fa ba nna le seabe ka nako ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le fa ba dirisa dikakantsho tse di neelwang beke le beke go tswa mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi.
15 mets: “Re mo Tirong ka Metlha.” Dipotso le dikarabo. Fa lo tlotla ka serapa 2, botsolotsa ka bokhutshwane mmoledi yo o nang le matswela fa a rera a se mo bodireding. Mo kope gore a tlhalose kafa a baakanyetsang go sa le gale ka gone o bo o mo kopa gore a anele maitemogelo mangwe a a molemo a a nnileng le one.
Pina 135 le Thapelo