LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/12 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 2/12 ts. 4

Dikitsiso

◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng teng mo setokong sa phuthego. May: Tora ya Tebelo le Tsogang!

◼ Puo e e kgethegileng e tla neelwa mo mafelobekeng a morago ga Segopotso mme e tla bo e na le setlhogo se se reng, “A Bokhutlo bo Atametse go Feta Jaaka o Akanya?”

◼ Nako le nako fa o rulaganya go etela kwa nageng e e sa tsenngwang mo lenaaneng la dinaga la pego ya bosheng ya ngwaga wa tirelo kgotsa e aterese ya yone e seyong mo lenaaneng le le mo tsebeng ya bofelo ya Yearbook ya bosheng, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala la lona go utlwa gore ke dilo dife tse o tshwanetseng go di ela tlhoko kgotsa ke ditaelo dife tse di kgethegileng tse o tshwanetseng go di latela. Tiro ya go rera ka Bogosi mo lefelong leo e ka tswa e thibetswe ka ditsela dingwe. (Math. 10:16) Kwa dinageng dingwe go ka tswa go se botlhale gore baeng ba ikgolaganye le Basupi kgotsa le diphuthego tsa lefelo leo. O ka nna wa neelwa ditaelo tse dingwe malebana le go rera le fa o se mo bodireding kgotsa go tsamaya o tshotse dikgatiso. Fa o latela ditaelo tse o di newang, seo se ka go thusa gore o thibele mathata a a sa tlhokegeng a a ka welang wena kgotsa tiro ya go rera ka Bogosi kwa nageng e o e etelang.—1 Bakor. 14:33, 40.

◼ Re itumelela go lo itsise gore go neetswe Diholo Tsa Bogosi tse dingwe tse tharo. Phuthego ya Eerstegeluk le ya Madibong kwa Limpopo le Phuthego ya Ebony Park kwa Midrand di ile tsa itumelela tiragalo eno bosheng jaana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela