LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/12 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 2/12 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka March

“Batho ba le bantsi ba keteka matsalo a ga Jesu, a mme o akanya gore go botlhokwa go gopola loso lwa gagwe?” Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, neela mong wa ntlo makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1 mme o tlotle le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo tsebe 16 mme o bale le ene bobotlana temana e le nngwe. Dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.

Tora ya Tebelo March 1

“Go na le dikereke le madumedi a le mantsi a a nang le ditumelo le mekgwa e e sa tshwaneng. A o akanya gore mongwe le mongwe yo o iphakang gore ke Mokeresete, tota ke Mokeresete? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Jesu, lengwe la matshwao a a tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri ke leno. [Bala Johane 13:34, 35.] Makasine ono o tlotla ka dilo tse tlhano tse Jesu a di buileng tse di re thusang go tlhaola balatedi ba gagwe ba boammaaruri.”

Tsogang! March

“Re tlotla le baagelani ba rona ka mokgwa mongwe o o sa jeseng diwelang. Go lebega batho gompieno ba galefa le go feta e bile ba tenega motlhofo. O akanya gore seo se bakwa ke eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka bogale. [Bala Pesalema 37:8.] Makasine ono o tlhalosa dilo dingwe tse di dirang gore batho ba galefe thata gompieno mmogo le ditsela tsa go laola kgalefo ya rona.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela